Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 4:13 - Setswana 1970

13 Jaanong Boase a tsaya Ruthe, a nna mosadi wa gagwe; ya re a sena go tsena kwa go ene, Morena a mo naya boimana, mme a belega ngwana wa mosimane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 ¶ Mi Boase a tsaea Rute, mi a na mosari oa gague, mi a tsena mo go ena, mi Yehova a mo naea ithualo, mi a belega mosimane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Jalo Boase a tsaya Ruthe a nna mosadi wa gagwe, mme a tsena kwa go ene; Jehofa a mo naya boimana, a bona ngwana wa mosimane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 4:13
12 Iomraidhean Croise  

Jaanong ya re Aborahame a rapela Modimo jalo, Modimo wa fodisa Abimelege le mosadi wa gagwe le malata a gagwe, mo ba bileng ba belega gape.


Isaka o ne a rapela Morena ka ntlha ya mosadi wa gagwe, gonne o ne a le moopa. Morena a mo utlwa; mme Rebeka, mosadi wa gagwe, a ithwala.


Ya re Morena a bona, fa Lea a nyadiwa, a mo naya bana, mme Ragele a nna moopa.


Mme Jakobe a tukela Ragele bogale a re: “A ke nna Modimo o o go timang bana!”


Esau a tlhatlosa matlho, a bona basadi le bana, a botsa a re: “Ke bomang ba o nang nabo?” A araba a re: “Ke bana ba Modimo o tshegofaditseng motlhanka wa gago ka bone.”


o agisa moopa mo ntlong go nna mma-bana yo o itumelang. Haleluya!


Bona, basimane ke neo ya Morena; leungo la sebopelo ke tuelo.


Mme jaanong, morwadiaka, se boife. Tsotlhe tse o di buileng ke tla di go direla. Kana go itse mongwe le mongwe mo lekgotleng la morafe wa ga etsho, fa o le mosadi yo o maatlametlo.


A lelapa la gago le tshwane le la ga Pherese yo Thamare a neng a mo tsholela Juta, a le nne jalo ka bana ba Morena o tla ba go nayang ka mosadi yoo, ka a sa le mošwa.”


Ke kopile mosimane yo, mme Morena o nneile se ke se kopileng mo go ene.


Ba ba neng ba kgora ba ile go jaka dijo; ba ba neng ba bolawa ke tlala ba a kgora. Moopa le ene o belege ba supa; mmabontsi o swabile.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan