Ruthe 4:11 - Setswana 197011 Batho botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng le bagolo ba araba ba re: “Re basupi! Mosadi yo o tla tsenang mo lapeng la gago a Morena a mo dire jaaka Ragele le Lea ba ba agileng lelapa la ga Iseraele ka bobedi jwa bone. Dira tse dikgolo mo Eferatha gore o nne le leina mo Betleheme. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)11 Mi bathu botle ba ba mo khoroñ, le bagolu, ba re, Re bashupi. A Yehova a rihe mosari eo, eo o tsileñ mo tluñ ea gago yaka Rakele le Lie, ba tu ba ba ba le ba aga eintlu ea Yeserele: a a mo atlametlise mo Eferata, le leina ya tumo mo Beta‐lehema: Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo11 Batho botlhe ba ba mo kgotleng le bagolwane botlhe ba re: “Re basupi, mosadi yo o tsileng mo ntlong ya gago, a Jehofa a mo dire jaaka Ragele le jaaka Lea, ba e leng bone ba agileng ntlo ya Iseraele ka bobedi jwa bone; o dire mo go tshwanetseng mo Eferatha, o bo o nne motho yo o itsegeng mo Bethelehema. Faic an caibideil |