Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 4:1 - Setswana 1970

1 Boase a ya kwa kgotleng, a feta a nna fatshe. Ke fa mogolodi yole a feta, yo Boase a buileng ka ga gagwe. Boase a mmitsa a re: “Tlaa jaana, o nne fatshe, wena mangmang.” A fapogela teng, a nna fatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI Boase a ea kua khoroñ, mi a lula gona: mi bonañ, morekolori eo Boase o la a bua ga gague a heta; eo, o mo reileñ, He seleyana, hapogela, u lule ha. Mi a hapoga a lula.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Boase a ya kgotleng a dula gone. Mme bonang, monna wa losika yo o gaufi, yo Boase o ne a buile ka ga gagwe, a tla gone. A mo raya a re: “He, wena semangmang, fapoga, o tle go dula fa.” A fapoga, a dula.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 4:1
21 Iomraidhean Croise  

Baengele ba babedi ba ne ba fitlha kwa Sotoma mantsiboa, Lote a ntse fa kgorong ya Sotoma. Ya re Lote a ba bona, a nanoga, a ba kgatlhantsha, a ikobela fa fatshe ka sefatlhego,


Mme Eferone o ne a ntse mo gare ga Bahethe. Ene Eferone wa Mohethe a fetola Aborahame mo ditsebeng tsa Bahethe botlhe ba ba tsenyeng mo lekgotleng la motse wa gagwe a re:


Jaanong Hemore le Šegeme morwawe ba ya kwa kgotleng ya motse wa bone, ba bua le banna ba motse ba re:


Le gona Abesalomo o ne a tle a phakele a eme fa thoko ga tsela e e yang kwa kgotleng, mme mongwe le mongwe yo o nang le kgang, fa a ya kwa kgosing go atlholelwa, Abesalomo a mmitse, a mmotse a re: “O tswa kwa motseng ofe?” Mme e re fa a araba a re: “Motlhanka wa gago o tswa mo go longwe lwa ditso tsa Iseraele,”


Mme kgosi ya Iseraele le Josafate kgosi ya Juta tsa bo di dutse nngwe le nngwe mo sedulong sa yona sa bogosi, di apere diaparo tsa bogosi, di dutse mo seboaneng fa mojakong wa kgoro ya Samaria, mme baporofeti botlhe ba ntse ba bolelela pele fa pele ga tsona.


E ne ya re fa ke tswela kwa kgorong ya motse, ke baakanya senno sa me mo dipatlelong,


fa ke tsholeleditse lesiela letsogo go le otla, ka ke bona ba ba nkemelang kwa lekgotleng;


Ka ikapesa kgetse ya bohutsana, mme ka tswa seane sa tshotlo mo go bona.


Monna wa gagwe o tlotlega mo makgotleng, fa a nna le banna bagolo ba morafe.


“Heelang! Lona lotlhe ba lo nyorilweng, tlayang kwa metsing; ba lo se nang madi, tlayang lo reke mabele, lo je. Ee, tlayang lo reke mabele kwa ntle ga madi, weine le mašwi kwa ntle ga tefo.


Ka ba ka kwala lokwalo, ka lo kana, ka bitsa basupi, ka mo lekanyetsa diselefera ka selekanyetso.


Tlhoang tse di bosula, ratang tse di molemo, dirang tshiamo mo lekgotleng; ka gongwe Morena, Modimo wa masomosomo, o tla utlwela masalela a ga Josefa botlhoko.


“Heelang! Heelang! Tshabang mo lefatsheng la bokone,” go bua Morena; “gonne ke lo falaleditse kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe,” go bua Morena.


“O ipeele baatlhodi le baokamedi mo metseng yotlhe ya gago e Morena, Modimo wa gago, o tla e go nayang ka fa ditsong tsa gago; a ba direle morafe tshiamo ka go atlhola ka tshiamo.


gona monna yoo gongwe mosadi yoo yo o dirileng se se bosula seo, o mo ntshe mo metseng ya gago, e bong monna yoo gongwe mosadi yoo, mme a a kgobotlediwe ka majwe gore a swe.


gona a rraagwe le mmaagwe ba mo tshware, ba mo ise kwa bagolong ba motse wa ga gabo le kwa lekgotleng la teng.


Mme fa monna yoo a sa rate go tsaya motlholagadi wa ga morwa-rraagwe, a motlholagadi wa ga morwa-rraagwe a ye kwa lekgotleng kwa bagolong, a bolele a re: ‘Morwa-rraagwe monna wa me o ganne go tsosetsa morwa-rraagwe leina mo go Iseraele; ga a rate go ntlhatswa jaaka e le tshwanelo.’


Jaanong yo o tshabelang kwa go mongwe wa metse eo a a eme fa mojakong wa kgoro ya motse, a bolele kgang ya gagwe mo ditsebeng tsa bagolo ba motse oo, mme a ba mo tsholele kwa go bone mo motseng, ba mo nee manno gore a nne nabo.


Jaanong he, ke nnete, ke nna mogolodi; mme le gona go na le mogolodi yo o tshwanetseng bogolo go nna.


Mme Naomi a re: “Iketle, morwadiaka, go fitlhelela o be o itse gore kgang e, e felela kae; gonne monna yoo ga a kitla a ikhutsa a ise a fetse kgang e kajeno.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan