Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 3:3 - Setswana 1970

3 Tlhapa o iphotle o apare diaparo tsa gago tsa mokgabo, o fologele kwa seboaneng; o se ka wa nta monna yoo a go lemoga a ise a fetse go ja le go nwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Ki gona itlapise, u tlole, u apare aparo tsa gago, u ee sebupiñ: u si ikitsise go mononeñ e tsamaee a uetse go ya le go noa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ke gone tlhapa, o iphorole, o apare, o ye kwa seboping; mme o se ka wa ikitsise motho ope, go tsamaye a swetse go ja le go nwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 3:3
10 Iomraidhean Croise  

Ke fa Dafita a namologa fa fatshe, a tlhapa, a tlôla, a apara diaparo tse dingwe, a ya kwa Ntlong ya Morena a obamela; a ba a ya kwa ntlong ya gagwe, a kopa gore ba mmee dijo pele, a ja.


a roma motho kwa Thekoa go ya go bitsa mosadi yo o botlhale gona, a feta a mo raya a re: “A ko o ikhutsafatse, o apare diaparo tsa bohutsana; o se ka wa tlola lookwane, mme o itshole jaaka mosadi yo o sa bolong go lelela moswi.


Ka letsatsi la boraro Esetere a apara diaparo tsa bohumagadi, a ya a ema mo lapeng la ka fa teng la ntlo ya kgosi fa go lebanyeng le ntlo ya kgosi, mme kgosi ya bo e dutse mo sedulong sa yona sa bogosi mo ntlong ya bogosi go lebagana le mojako wa ntlo.


le weine go itumedisa pelo ya motho, le lookwane go phatsimisa sefatlhego, le senkgwe go tiisa pelo ya motho.


Diaparo tsa gago a e nne tse ditshweu ka metlha yotlhe; a tlhogo ya gago e se ka ya tlhoka setlolo.


“Ka go tlhapisa ka metsi, ka go tlhapisa madi a a neng a le mo go wena, ka go tlotsa lookwane.


Mme wena, e re fa ò itima dijo, ò iphotle tlhogo, o tlhape sefatlhego


Jaanong Boase yo ò neng o na le basetsana ba gagwe, kana ene ke wa ga etsho. Bona, o tla lala a olosa garase mo seboaneng bosigong jono.


Mme e re a ya go robala, o lebelele fa a robalang teng, o ye o bipolele fa dinaong tsa gagwe, o robale; foo ene o tla go bolelela se o tshwanetseng go se dira.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan