Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 3:12 - Setswana 1970

12 Jaanong he, ke nnete, ke nna mogolodi; mme le gona go na le mogolodi yo o tshwanetseng bogolo go nna.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi yana, rure ki morekolori oa gago: leha gontse yalo morekolori o gona eo o gauhe bogolu go ’na.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Ruri ke wa losika lwa gago, gaufi ka go tsalwa, le fa go ntse jalo, go na le monna mongwe wa losika yo o gaufi bogolo go nna.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 3:12
7 Iomraidhean Croise  

“Jaanong tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, lo ba direle tsona; gonne molao o a re jalo le baporofeti.


A go se nne ope yo o patikang mokaulengwe wa gagwe, le e seng go mo tsietsa mo thekisanyong; gonne Morena ke mmusolosi mo dilong tsotlhe tseo, jaaka re kile ra lo bolelela, ra lo tlhomamisetsa.


Mme Naomi a raya ngwetsi wa gagwe a re: “A a tshegofadiwe ke Morena yo o se kang a tlhokisa baphedi le baswi lorato lwa gagwe!” Naomi a ba a mo raya a re: “Monna yoo ke wa ga etsho; ke mongwe wa bagolodi ba rona.”


Mme jaanong, morwadiaka, se boife. Tsotlhe tse o di buileng ke tla di go direla. Kana go itse mongwe le mongwe mo lekgotleng la morafe wa ga etsho, fa o le mosadi yo o maatlametlo.


Lala fano bosigong jono. E re mo mosong, fa a ka go golola, go siame, a a go golole! Mme fa a sa kgatlhwe ke go go golola, foo nna – ka bophelo jwa Morena – ke tla go golola! Robala fano go ya mosong.”


Boase a ya kwa kgotleng, a feta a nna fatshe. Ke fa mogolodi yole a feta, yo Boase a buileng ka ga gagwe. Boase a mmitsa a re: “Tlaa jaana, o nne fatshe, wena mangmang.” A fapogela teng, a nna fatshe.


Ke ne ka re, ke tla go begela jalo ke re: E reke fa pele ga ba ba dutseng fa le fa pele ga bagolo ba morafe wa ga rona. Fa o rata go e rekolola, e rekolole; fa o sa rate go e rekolola, o bolele gore ke itse. Gonne ga go na ope yo o ka e rekololang fa e se wena le nna yo ke fa morago ga gago.” A araba a re: “Ke tla e rekolola.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan