Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 2:9 - Setswana 1970

9 Lebisa matlho a gago mo tshimong e ba e robang, o ba sale morago. Ke laetse batlhanka gore ba se ka ba go tshwenya. Fa o nyorilwe ya kwa dinkgong, o nwe metsi a a gilweng ke batlhanka.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 A maitlo a gago a ne mo leoteñ ye ba le robañ, mi u ba sale morago; a ga kia ka ka laola makau gore ba si gu ame? mi ha u nyoroa, u ee go liñkhoñ, u noe ga se makau a se gileñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 A matlho a gago a nne mo tshimong e ba e segang, mme o ba sale morago; a ga ke a laela makau gore ba se ka ba go ama? Fa o le lenyora, o ye dinkgwaneng, o nwe se makau a se gileng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 2:9
11 Iomraidhean Croise  

Modimo wa mo araba mo torong wa re: “Le nna ke itse, fa o dirile jalo ka bosenamolato jwa pelo ya gago. Nna ka nosi ke go thibetse gore o se ka wa nteofela; ke ka moo ke sa go leseletsang go mo ama.


Ntlhomogeleng pelo! Ntlhomogeleng pelo! Lona ditsala tsa me; gonne seatla sa Modimo se nkotlile.


“Se ameng batlodiwa ba me, lo se direle baporofeti ba me bosula.”


Yo o tsenang kwa mosading wa mongwe-ka-ene o ntse jalo; mongwe le mongwe yo o mo amang ga a ka ke a falola mo petsong.


Le yo o nosang mongwe wa ba babotlana ba metsi a a tsididi ka sego fela, ka e le ene morutwa, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope.”


Jaanong fa e le tse lo di nkwaletseng, ka re: Go molemo mo monneng, fa a sa ame mosadi.


Re itse gore mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Modimo ga a leofe; yo Modimo o mo tsetseng o a mmoloka, mme yo-o-bosula ga a na go mo tshwara.


Ke fa Ruthe a wela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba, a mo raya a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, wa ntlhokomela ka tsalano ke le moeng?”


Ke fa Boase a raya Ruthe a re: “Reetsa fa, morwadiaka! O se ka wa ya go sela kwa tshimong e sele; le gona o se ka wa tloga fa, mme o nne le basetsana ba me fano.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan