Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 2:8 - Setswana 1970

8 Ke fa Boase a raya Ruthe a re: “Reetsa fa, morwadiaka! O se ka wa ya go sela kwa tshimong e sele; le gona o se ka wa tloga fa, mme o nne le basetsana ba me fano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Ereha gona Boase o raeañ Rute, Moroariaka a gu utlue? U si ee go ronopa mo leoteñ le sele, le gona u si coe monu, mi u ñaparele baroetsana ba me:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Foo Boase a raya Ruthe a re: “A ga o a utlwa, morwadiaka? O se ka wa ya go ronopa mo tshimong epe e sele, o se ka wa tswa fano fa; o tlhomame gone fa, le barweetsana ba gaetsho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 2:8
11 Iomraidhean Croise  

Mme batlhanka ba gagwe ba mo atamela, ba bua nae ba re: “Rra, fa moporofeti a ka bo a go laetse go dira se segolo, a o ka bo o sa se dire? Bogolo jang, ka a go laetse fela a re: ‘Tlhapa, mme o tla itsheka.’ ”


“ ‘E re fa lo roba thobo ya lefatshe la lona, lo se ka lwa feletsa go roba matlhakore a masimo a lona; lo se ka lwa sela maronopo a thobo ya lona.


Foo ba tsisa go ene mongwe yo o suleng mhama, a letse mo bolaong. Ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya yo o suleng mhama a re: “Namatshega, ngwanaka; dibe tsa gago o di itshwaretswe.”


Jesu a retologa, a mmona, a mo raya a re: “Namatshega, morwadiaka; tumelo ya gago e go thusitse.” Mme mosadi a fola e sa le ka nako eo.


Ba ga etsho, ke fetsa ka go re: Tsotlhe tsa boammaaruri le tsotlhe tsa tlotlego le tsotlhe tsa tshiamo le tsotlhe tsa boitsheko le tsotlhe tsa lorato le tsotlhe tse di tumo e ntle le tse di ka nnang teng tsa maatlametlo gongwe tsa poko, di akanyeng.


O kopile a re: ‘Ka thapelo, nte ke ronope, ke sele diako mo gare ga dingata, ke sale basegi morago.’ Fa e sa le a tla, o ntse a tshwere go tloga mo mosong go fitlha jaanong. Ga a nne fa fatshe mo tshimong.”


Lebisa matlho a gago mo tshimong e ba e robang, o ba sale morago. Ke laetse batlhanka gore ba se ka ba go tshwenya. Fa o nyorilwe ya kwa dinkgong, o nwe metsi a a gilweng ke batlhanka.”


Ke fa Eli a bitsa Samuele a re: “Samuele, morwaaka!” A araba a re: “Ke fano.”


Jaanong Morena a bitsa Samuele gape. Samuele a tsoga, a ya kwa go Eli a re: “Ke fano, ka o ne o mpitsa.” A fetola a re: “Ga ke a go bitsa, morwaaka. Boa o ye go robala.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan