Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 2:6 - Setswana 1970

6 Mookamedi wa basegi a mo araba a re: “Ke ene mosetsana wa Moabe yo o tsileng le Naomi kwa nageng ya Moabe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi lekau ye le laorisioañ barobi ya araba ya re, Eo ki moroetsana oa Semoaba, eo o ruleñ le Naome mo hatsiñ ya Moaba:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Motlhanka yo o beilweng mogolo wa basegi ba mabele a mo fetola a re: “Ke morweetsana wa Momoabe yo o boileng le Naomi kwa lefatsheng la Moabe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 2:6
10 Iomraidhean Croise  

Mme Aborame a re: “Morena Modimo, o tla mpha eng, ka e le fa ke tla tsamaya, ke se na bana? Mme Eliesere yo wa kwa Damaseko o tla ja boswa jwa lapa la me.”


Jaanong Aborahame a raya motlhanka yo mogolo wa lelapa la gagwe yo o neng a okametse dilo tsotlhe tsa gagwe, a re: “A ko o bee seatla sa gago fa tlase ga letheka la me


Josefa a bona bopelotlhomogi mo go mongwagwe, a mo direla; mme Photifare a mo dira mookamedi wa lelapa la gagwe, a neela tsotlhe tse a nang natso mo taolong ya gagwe.


“Ya re go le maitsiboa, morena wa tshimo ya moweine a raya motlameledi wa gagwe a re: ‘Bitsa badiri, o ba amogedise dituelo tsa bone, o simolole ka ba morago, o fetse ka ba ntlha.’


“Jaanong he, motlhanka yo o ikanyegang yo o botlhale ke ofe, yo morena wa gagwe o mo laodisitseng ba ntlo ya gagwe go ba abela dijo ka nako ya tsona?


Mme Ruthe a re: “Se nkemelele gore ke go tlogele, ke boe ke se ye nao. Gonne kwa o yang teng, ke tla ya teng; kwa o nnang teng, ke tla nna teng. Morafe wa ga eno ke morafe wa ga etsho. Modimo wa gago ke Modimo wa me.


Bone babedi ba fetela pele go ya ba tsena mo Betleheme; mme ya re ba fitlha mo Betleheme, motse otlhe wa huduega ka ntlha ya bone. Basadi ba re: “A ke ene Naomi?”


Naomi o ne a boela jalo kwa gae, a na le ngwetsi wa gagwe, Ruthe wa Moabe yo o neng a boile nae kwa nageng ya Moabe. Ba fitlha mo Betleheme ka tshimologo ya thobo ya garase.


Mme Boase a botsa motlhanka wa gagwe, e bong mookamedi wa basegi, a re: “Mosetsana yole ke wa ga mang?”


O kopile a re: ‘Ka thapelo, nte ke ronope, ke sele diako mo gare ga dingata, ke sale basegi morago.’ Fa e sa le a tla, o ntse a tshwere go tloga mo mosong go fitlha jaanong. Ga a nne fa fatshe mo tshimong.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan