Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 2:4 - Setswana 1970

4 E rile go ise go ye kgakala, Boase a ba a goroga, a tswa kwa Betleheme, a dumedisa basegi a re: “A Morena a nne le lona!” Ba mo araba ba re: “A Morena a go tshegofatse!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi bonañ, Boase a coa Beta‐lehema, mi a raea barobi, A Yehova a ne le lona. Mi ba araba, A Yehova a gu tsegahatse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Mme bonang, Boase a tswa Bethelehema, a fitlha a raya basegi ba mabele a re: “A Jehofa a nne le lona,” bone ba mo fetola ba re: “A Jehofa a go segofatse.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 2:4
21 Iomraidhean Croise  

gonne ke mo tlhophile gore a laele bana ba gagwe le ba lapa la gagwe morago ga gagwe gore ba sepele mo tseleng ya Morena, ba dire ka tshiamo le ka tshwanelo gore Morena a tle a tlisetse Aborahame tse a di mo solofeditseng.”


A Modimo, Rra-thata-yotlhe, o go tshegofatse, o go atise, o go ntsifatse gore o nne masomo a merafe.


le Salema Rra-Betleheme le Harefe Rra-Bethe-Katere.


A go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; re lo tshegofatsa, re le mo Ntlong ya Morena.


A Morena a go tshegofatse, a le mo Sione, ena yo o dirileng legodimo le lefatshe!


Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: “E tla re ke fetola tatlhego ya bone, ba bue lefoko leo gape mo lefatsheng la Juta le mo metseng ya lone ba re: “ ‘A Morena a go tshegofatse, wena naga ya tshiamo le thaba e e boitshepo!’


“ ‘A Morena a go tshegofatse, a go boloke;


Ya re moengele a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Dumela, yo o tlhogonolofaditsweng, Morena o na nao; o tshegofaditswe mo basading.”


A Morena wa kagiso ka esi a lo nee kagiso ka metlha yotlhe le ka mekgwa yotlhe. A Morena a nne le lona lotlhe!


Bone ba ba nang le beng ba ba dumelang a ba se ka ba ba tlhokisa tlotlo, ka e le badumedi-ka-bone, mme a ba ba direle bogolo; ka gonne ba ba amogelang tirelo e e molemo ke badumedi le barategi. Dilo tseo o di ba rute, o ba laye.


A Morena Jesu Keresete a nne le mowa wa gago; a bopelotlhomogi bo nne le lona!


Mme fa e le bosula mo matlhong a lona go direla Morena, itlhopheleng kajeno yo lo ratang go mo direla, a medimo e borraeno ba neng ba e direla ba le kwa moseja ga noka ya Ferathe kampo medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone, mme nna le ba lapa la me re tla direla Morena.”


Jaanong moengele wa Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Morena o na nao, wena mogale yo mogolo.”


Mme Morena a mo raya a re: “Ruri ke tla nna nao, mme o tla fenya Bamidiane jaaka e kete ke monna a le mongwe fela.”


A ya a fitlha a sela mo tshimong, a setse basegi morago; mme a dirafalelwa ke letlhogonolo ka go tsena mo tshimong ya ga Boase yo e leng losika le Elimelege.


Mme Boase a botsa motlhanka wa gagwe, e bong mookamedi wa basegi, a re: “Mosetsana yole ke wa ga mang?”


Batho botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng le bagolo ba araba ba re: “Re basupi! Mosadi yo o tla tsenang mo lapeng la gago a Morena a mo dire jaaka Ragele le Lea ba ba agileng lelapa la ga Iseraele ka bobedi jwa bone. Dira tse dikgolo mo Eferatha gore o nne le leina mo Betleheme.


Dafita a ba a re: “Morena yo o mpholositseng mo leroong la tau le la bere o tla mpholosa le mo seatleng sa Mofelesita yoo.” Ke fa Saule a raya Dafita a re: “Yaa he, a Morena a nne nao!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan