Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 2:11 - Setswana 1970

11 Boase a araba, a mo raya a re: “Kana ke boleletswe tsotlhe sentle tse o di diretseng matsalaago, monna wa gago a sena go swa, wa tlogela rraago le mmaago le lefatshe la ga eno, wa tla kwa morafeng o ò neng o sa o itse pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi Boase a araba a mo raea, Ki bulelecoe rure cotle tse u lu ua li rihela matsalago, morago ga loshu loa monona oa gago: le kaha u tlogetseñ rago le mago, le lehatsi ya botsalelo yoa gago, mi ua tla mo bathuñ, ba u lu u si ka ua ba itse pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Boase a mo fetola, a mo raya a re: “Ke boleletswe ka botlalo gotlhe mo o go diretseng matsalaago, monna wa gago a sena go swa; le jaaka o tlogetse rraago le mmaago, le lefatshe la gaeno, mme o tsile mo bathong ba o sa ba itseng gale.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 2:11
15 Iomraidhean Croise  

E rile Dafita a begelwa se Ritsepha morwadi Aya mogadingwana wa ga Saule a se dirileng,


Bomorwadia dikgosi ba kgabile mekgabo e mentlentle ya gago; mohumagadi o eme fa letsogong le le jang la gago, a kgabile ka gouta ya Ofire.


Jaanong he, mongwe le mongwe wa lona yo o sa ikgaoganyeng le tsotlhe tse a nang natso, o palelwa jalo ke go nna morutwa wa me.


Ya re ba sena go fitlhisa mekoro kwa losing, ba tlogela tsotlhe, ba mo sala morago.


Mo go botlhofo ke gofe, a ke go re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe’ gongwe go re: ‘Tsoga o tsamae’?


Mme Naomi a re: “Boang, bomorwadiaka! Lo ka elang le nna? A lo a re, ke sa ntse ke ka belega bomorwa go nna banna ba lona?


Ke fa Ruthe a wela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba, a mo raya a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, wa ntlhokomela ka tsalano ke le moeng?”


A Morena, a go duelele tiro ya gago; tuelo e e tletseng o e fiwe ke Morena, Modimo wa Iseraele, yo ò tlileng go batla botshabelo fa tlase ga diphuka tsa gagwe.”


Boase a re: “O tshegofadiwe ke Morena, morwadiaka. Lorato lo lwa gago lo gaisa lwa pele, ka o se ka wa latela makau, le fa e le a a humanegileng gongwe a a humileng.


E tla nna ene yo o go lapolosang pelo, yo o go tlamelang mo botsofeng jwa gago; gonne ngwetsi wa gago yo o go ratang o mmelege, ene o molemo mo go wena go feta bomorwa ba supa.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan