Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 2:10 - Setswana 1970

10 Ke fa Ruthe a wela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba, a mo raya a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, wa ntlhokomela ka tsalano ke le moeng?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Mi o oela ka hatlogo sa gague, mi a ikobela ha hatsi, mi a mo raea, Ki bonye tsalano mo maitloñ a gago yañ, ka u ’nñoka ki le moeñ?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Foo a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a ikobela fa fatshe, a mo raya a re: “Ana ke bonye botsalano mo matlhong a gago ka ntlha yang, fa e bo ne ne o ntlhokometse jaana ke le moeng?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 2:10
19 Iomraidhean Croise  

Ya re a tsholetsa matlho, a bona banna ba le bararo ba eme fa pele ga gagwe. Fa a ba bona, a tloga fa mojakong wa tente, a akofa go ba kgatlhantsha, a inamela fa fatshe


Gonne botlhe ba lelapa la ga rre e ne e se ba sepe, e le batho ba ba tshwanetseng go bolawa fa pele ga kgosi mong wa me, mme o beile motlhanka wa gago mo go ba ba jelang fa tafoleng ya gago. Jaanong ke sa ntse ke na le tshiamelo efe, gongwe nka goelang gape mo kgosing?”


Ke fa kgosi Dafita a tsena a nna fa pele ga Morena a re: “Nna ke mang, Morena, Modimo? Lotso lwa me ke eng, mo o bileng o mphitlhisitse fano?


A ba a ikoba a re: “Motlhanka wa gago ke eng, mo o ntlhokomelang ke le ntšwa e e suleng?”


Moeng yo o lo falaletseng lo mo kaye jaaka mogalona, mme lo mo rate jaaka lo ithata; gonne le lona lo ne lo le baeng kwa lefatsheng la Egepeto. Ke nna Morena Modimo wa lona.


Gonne ke ne ke tshwerwe ke tlala, lwa mpha dijo; ke ne ke nyorilwe, lwa nnosa; ke ne ke le moeng, lwa ntshola;


Seo se ntswela kae, fa mma Morena wa me a ka tla kwano go nna?


Gonne o ne a leba bobotlana jwa lelata la gagwe. Bona, go tloga jaanong ditshika tsotlhe di tla mpitsa yo o sego;


Mo loratong lwa bakaulengwe lo ratane ka pelo yotlhe; gaisanyang ka go tlotlana.


Boase a araba, a mo raya a re: “Kana ke boleletswe tsotlhe sentle tse o di diretseng matsalaago, monna wa gago a sena go swa, wa tlogela rraago le mmaago le lefatshe la ga eno, wa tla kwa morafeng o ò neng o sa o itse pele.


Ruthe a re: “A ke nne ke bone bopelotlhomogi mo matlhong a gago, morena wa me! Gonne o nkgomoditse, wa bua le lelata la gago ka bopelontle, le fa ke sa tshwane le ope wa malata a gago.”


Ke fa matsalaagwe a mmotsa a re: “O tlhotse o sedile kae kajeno, o tswa go dira kwa kae? A go tshegofadiwe yo o go tlhokometseng ka tsalano!” Mme a bolelela matsalaagwe gore o ne a tlhotse a dira le mang a re: “Leina la monna yo ke tlhotseng ke dira fa go ene kajeno ke Boase.”


Tsatsi le lengwe Ruthe wa Moabe a kopa Naomi a re: “Nte ke ye go ronopa diako kwa masimo, ke latele yo ke bonang bopelotlhomogi mo matlhong a gagwe.” A mo araba a re: “Yaa, morwadiaka!”


Lebisa matlho a gago mo tshimong e ba e robang, o ba sale morago. Ke laetse batlhanka gore ba se ka ba go tshwenya. Fa o nyorilwe ya kwa dinkgong, o nwe metsi a a gilweng ke batlhanka.”


Ya re Abikaile a bona Dafita, a akofa a fologa mo eseleng, a wa fa pele ga Dafita ka sefatlhego, a ikobela fa fatshe;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan