Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 2:1 - Setswana 1970

1 Naomi o ne a na le tsala ya monna wa gagwe, e le monna wa senatla yo o humileng wa losika lwa ga Elimelege; leina la gagwe e ne e le Boase.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI Naome a na le tsala ea monona oa gague ea mari, senatla sa lohumo, oa sika loa Elimeleke; mi leina ya gague e le le Boase.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Naomi o ne a na le tsala ya losika lwa monna wa gagwe, a le senatla se se humileng, wa losika lwa ga Elimeleke; leina la gagwe go twe Boase.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 2:1
13 Iomraidhean Croise  

Mme Menaheme a kgethisa Baiseraele madi ao, e bong bahumi botlhe gore monna a le mongwe a nee kgosi ya Asiria dišekele di le 50 tsa selefera. Ke fa kgosi ya Asiria e boa, ya se ka ya nna mo lefatsheng la Baiseraele.


O ne a ruile difutshane di le 7 000 le dikammele di le 3 000 le dipholo tse di gogang di le 1 000 le diesele tse dinamagadi di le 500; le batlhanka ba bantsintsi. Monna yoo o ne a le mogolo go feta botlhe ba ba agileng ntlheng ya botlhabatsatsi.


fa ke itumeletse khumo ya me e kgolo le papalo e kgolo ya seatla sa me,


Salema le Rahabe ba tsala Boase; Boase le Ruthe ba tsala Obete.


wa ga Isai, wa ga Obete, wa ga Boase, wa ga Salema, wa ga Nasone,


Leina la monna yoo e ne e le Elimelege, leina la mosadi wa gagwe e le Naomi, maina a bomorwawe ba babedi e le Magelone le Kileone. E ne e le Baeferathi ba Betleheme wa Juta. Jaanong ba fitlha kwa nageng ya Moabe, ba nna teng.


Tsatsi le lengwe Ruthe wa Moabe a kopa Naomi a re: “Nte ke ye go ronopa diako kwa masimo, ke latele yo ke bonang bopelotlhomogi mo matlhong a gagwe.” A mo araba a re: “Yaa, morwadiaka!”


Jaanong he, ke nnete, ke nna mogolodi; mme le gona go na le mogolodi yo o tshwanetseng bogolo go nna.


Jaanong Boase yo ò neng o na le basetsana ba gagwe, kana ene ke wa ga etsho. Bona, o tla lala a olosa garase mo seboaneng bosigong jono.


Salema a tsala Boase; Boase a tsala Obete;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan