Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 1:8 - Setswana 1970

8 Naomi a raya betsi ba babedi ba gagwe a re: “Yaang lo boele kwa gae, mongwe le mongwe kwa lapeng la ga mmaagwe. A Morena a lo direle ka lorato jaaka lo diretse baswi le nna.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi Naome a raea betsi ba gague ba tu, Eañ, lo boele, moñue le moñue kua tluñ ea mague: a Yehova a lo rihele ka pelunomi, yaka lo rihetse bashui, le ’na.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Naomi a raya betsi ba gagwe ba babedi a re: “Tsamayang, mongwe le mongwe wa lona a boele kwa ga mmaagwe; a Jehofa a lo direle ka pelonomi, jaaka lona lo diretse baswi le nna.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 1:8
14 Iomraidhean Croise  

Jaanong he, a Morena a lo direle ka lorato le boikanyo, mme le nna ke tla lo direla tse di molemo tseo, ka lo dirile tiro eo.


Lona basadi, ikokobeletseng banna ba e leng ba lona, jaaka lo ikokobeletsa Morena;


Lona basadi, ikokobeletseng banna ba lona, jaaka go tshwanetse mo Moreneng.


ka lo itse gore lo tla amogela boswa mo Moreneng e le tuelo. Kana lo direla Morena Keresete.


ga ba ga swa Magelone le Kileone ka bobedi jwa bone; mosadi a sala a tlogetswe ke bana ba babedi ba gagwe le monna wa gagwe.


A tloga kwa felong fa a neng a le teng, betsi ba babedi ba gagwe ba na nae. Ya re ba le mo tseleng go boela kwa lefatsheng la Juta,


A Morena a lo thuse go bona boikhutso, mongwe le mongwe mo lapeng la monna wa gagwe.” A ba a ba atla. Ke fa ba tsholetsa mantswe ba lela,


Mme Naomi a raya ngwetsi wa gagwe a re: “A a tshegofadiwe ke Morena yo o se kang a tlhokisa baphedi le baswi lorato lwa gagwe!” Naomi a ba a mo raya a re: “Monna yoo ke wa ga etsho; ke mongwe wa bagolodi ba rona.”


Boase a re: “O tshegofadiwe ke Morena, morwadiaka. Lorato lo lwa gago lo gaisa lwa pele, ka o se ka wa latela makau, le fa e le a a humanegileng gongwe a a humileng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan