Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 1:22 - Setswana 1970

22 Naomi o ne a boela jalo kwa gae, a na le ngwetsi wa gagwe, Ruthe wa Moabe yo o neng a boile nae kwa nageng ya Moabe. Ba fitlha mo Betleheme ka tshimologo ya thobo ya garase.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Naome a boea yalo, le Rute oa Semoaba, ñuetsi oa gague nae, eo o la a boea mo hatsiñ ya Moaba: mi ba tla Beta‐lehema mo tsimologoñ ea thobo ea barele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Jalo Naomi a boa, le Ruthe wa Momoabe, ngwetsi wa gagwe a nna nae, yo o boileng kwa lefatsheng la Moabe; mme ba tla mo Bethelehema ka tshimologo ya thobo ya barele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 1:22
6 Iomraidhean Croise  

ya ba neela mo diatleng tsa Bagibeone, mme ba ba kaletsa mo thabeng fa pele ga Morena, ba swa mmogo ka bosupa jwa bone. Ba bolawa mo malatsing a ntlha a thobo mo tshimologong ya kotulo ya garase.


“Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re lo sena go fitlha kwa lefatsheng le ke tla le lo nayang, mme lo roba thobo ya lona, gona lo ise ngata ya ntlha ya mabutswapele a lona kwa go moperesiti.


Ene a kgadikanye ngata eo fa pele ga Morena gore lo kgatlhe Morena ka yona. Moperesiti a e kgadikanye ka letsatsi le le tlhomaganang le la Sabata.


A nna jalo le basetsana ba ga Boase, a ntse a sela go ya bokhutlong jwa thobo ya garase le jwa thobo ya mabele a korong. O ne a ntse a nna le matsalaagwe.


Mookamedi wa basegi a mo araba a re: “Ke ene mosetsana wa Moabe yo o tsileng le Naomi kwa nageng ya Moabe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan