Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 1:20 - Setswana 1970

20 Mme a ba raya a re: “Se mpitseng Naomi . Mpitseng Mara . Gonne Mong-wa-thata-yotlhe o ntiretse tse di galakang thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

20 Mi a ba raea, Si ’mpitseñ Naome, ’mpitsañ Mare: gone Mothatietle o ’ntihetse bogalaka yo bogolu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

20 A ba raya a re: “Lo se ka lwa mpitsa Naomi, mme lo mpitse Mara: gonne Mothatayotlhe o ntiretse mo go botlhoko thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 1:20
16 Iomraidhean Croise  

E rile Aborame a le dinyaga di le 99, Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Ke nna Modimo Rra-thata-yotlhe! Sepela fa pele ga me, foo o nne mosiami.


Mme a Modimo Mothatayotlhe o lo nee boutlwelo-botlhoko jwa monna yole gore a lo gololele morwa-rraeno yo mongwe, e bong Simeone, a boe le lona le Benyamene. Mme nna fa ke thukhuthilwe bana, ke thukhuthilwe.”


A o ka itse tse Modimo o di itseng? A o ka bona kitso e e tletseng ya Mong-wa-thata-yotlhe?


foo itseng gore ke siamololelwa ke Modimo, mme o ntharile ka letloa la ona.


Itse he: Go sego motho yo Modimo o mo kgalemelang! Ka moo se nyatse kotlo ya Mong-wa-thata-yotlhe!


Gonne metsu ya Mong-wa-thata-yotlhe e tsepame mo go nna, e botlhole jwa yona bo nowang ke mowa wa me. Ditheregiso tsa Modimo di a ntlhasela.


Ga o ke o mpha nako ya go ka busa mowa, mme o nkgorisa matlhoko a a galakang.


Gonne ke tlhola ke tshwenngwa ka metlha, ke watlhaiwa moso mongwe le mongwe.


Morena, o latlhelang mowa wa me, o mphitlhelelang sefatlhego sa gago.


Ya re ba fitlha kwa Mara, ba palelwa ke go nwa metsi a teng; gonne a ne a galaka. Ke ka moo leina la felo foo go tweng Mara.


Ke iponaditse mo go Aborahame le mo go Isaka le mo go Jakobe ke le Modimo Mothatayotlhe, mme ga ke a ka ka ikitsise mo go bone ka leina la me la Morena.


Ke ne ke re ke ikgomotsa go fitlha mosong, mme a roba marapo otlhe a me jaaka tau. O fedisitse bophelo jwa me e sa le motshegare, bosigo bo ise bo tle.


Le gale kwatlhao nngwe le nngwe, fa e dirafala, e a ne e kete ga e na boitumediso, mme ke tlhokofatso; mme morago gona e ungwele ba ba lailweng ka yona leungo le le agisang la tshiamo.


“Ke nna Alefa le Omega,” go bua Morena Modimo yo o leng teng, e bile o ne a le teng, e bile ke yo o tla tlang, Mothatayotlhe.


Mme ga ke a ka ka bona Tempele mo go ona; gonne Tempele ya ona ke Morena, Modimo, Mothatayotlhe le Kwana.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan