Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 1:19 - Setswana 1970

19 Bone babedi ba fetela pele go ya ba tsena mo Betleheme; mme ya re ba fitlha mo Betleheme, motse otlhe wa huduega ka ntlha ya bone. Basadi ba re: “A ke ene Naomi?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 ¶ Mi ba tu ba, ba ea ba hitla Beta‐lehema. Mi ga rihala ka ba hitla Beta‐lehema, motse otle o lo o ba huruegela, mi ba re, A eo ki Naome?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Jalo ba babedi bao ba tsamaya fela ba fitlha mo Bethelehema. Ga dirala ya re ba tla mo Bethelehema, motse otlhe wa huduega ka ga bone, mme basadi ba re: “A ke ene Naomi?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 1:19
6 Iomraidhean Croise  

le Salema Rra-Betleheme le Harefe Rra-Bethe-Katere.


A ke ona motse wa lona wa meduduetso o o neng wa agiwa bogologolo; o dinao tsa ona di o isitseng kwa kgakala go aga teng?


Botlhe ba ba fetang mo tseleng ba opa diatla ka ntlha ya gago; ba letsa melodi, ba thikhitha ditlhogo, ba sotla morwadia Jerusalema ba re: “A ke ona motse o ba reng: ‘O montlentle thata, ke boitumelo jwa lefatshe lotlhe’?”


E rile a tsena mo Jerusalema, motse otlhe wa huduega wa re: “Yo ke mang?”


Mme a ba raya a re: “Se mpitseng Naomi . Mpitseng Mara . Gonne Mong-wa-thata-yotlhe o ntiretse tse di galakang thata.


Mookamedi wa basegi a mo araba a re: “Ke ene mosetsana wa Moabe yo o tsileng le Naomi kwa nageng ya Moabe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan