Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 1:17 - Setswana 1970

17 Kwa o swelang teng, ke tla swela teng, ke be ke fitlhwa gona. Le fa Morena a ka ntirela jang le jang – ke loso fela lo lo ka nkgaoganyang nao.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

17 Kua u shuelañ gona, ki tla shuela gona, mi ki tla hitloa gona: a Yehova a ’ntihele yalo le yalo, ha re ka khaogana ha e si ka loshu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

17 kwa o swelang gone ke tlaa swela gone, ke ba ke fitlhwa gone; a Jehofa a ntirele jalo, a ba a fetise, fa sengwe se ka nkgaoganya nao fa e se loso fela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 1:17
18 Iomraidhean Croise  

Mme Ithai a fetola kgosi a re: “Ka bophelo jwa Morena le ka bophelo jwa kgosi mong wa me! Ruri, mo felong kwa kgosi mong wa me o tla nnang gona, motlhanka wa gago le ene o tla nna gona, le fa go iwa losong gongwe bophelong.”


Fa e le Amasa, lo mo ree lo re: ‘A ga re a tsalwa mmogo, ra nna madi a le mangwe! A Modimo o mpetse, o be o nkokeletse, fa ke sa go dire molaodi wa mephato ka malatsi otlhe boemong jwa ga Joabe.’ ”


Jaanong ga tla batho botlhe kwa go Dafita ba re, a je dijo go sa ntse go le motshegare, mme Dafita a ikana a re: “A Modimo o ntirele jaana, o oketse jaana, fa nka leka bogobe le fa e le dijo dife, letsatsi le ise le phirime.”


A Modimo o direle Abenere jaana, o mo okeletse jaana, fa ke sa direle Dafita jaaka Morena a mo ikanetse,


Mme ya re a sena go mo fitlha, a laela bomorwawe a re: “E re ke swa, lo mphitlhe mo phupung e monna yoo wa Modimo o fitlhilweng mo go yona, lo bee marapo a me fa thoko ga gagwe.


Ke fa Isebele a roma morongwi kwa go Elia a re: “A medimo e mpetse, e be e nkokeletse, fa ke sa dire ka bophelo jwa gago kamoso go le kana jaaka o dirile ka maphelo a bone botlhe.”


Ke fa kgosi Salomo a ikana ka Morena a re: “A Modimo o mpetse, o be o nkokeletse, fa Atonia a sa ka ke a bolawa ka ntlha ya lefoko le!


Mme Benehatate a roma gape kwa go ene a re: “A medimo e ntirele jaana, e be e nkokeletse jaana, fa lerole la Samaria le ka lekana go tlala diatla tsa banna botlhe ba ba ntshetseng morago.”


Ya ba ya re: “A Modimo o ntirele jaana, o be o nkokeletse jaana fa letsatsi le ka phirima kajeno tlhogo ya ga Elisa morwa Safate e sa ntse e le mo go ene.”


Bomorwadia dikgosi ba kgabile mekgabo e mentlentle ya gago; mohumagadi o eme fa letsogong le le jang la gago, a kgabile ka gouta ya Ofire.


Ya re a fitlha teng, mme a bona bopelotlhomogi jwa Modimo, a itumela, a ba a ba kgothatsa botlhe gore ba ngaparele Morena ka boikaelelo jwa pelo;


Mme ga ke re sepe ka tsona, le bophelo jwa me ga ke bo kaye se segolo, fa nka swetsa fela tshiano ya me ka boitumelo, e bong tirelo e ke e amogetseng mo go Morena Jesu ya go supa Efangele ya bopelotlhomogi jwa Modimo.


Mme Ruthe a re: “Se nkemelele gore ke go tlogele, ke boe ke se ye nao. Gonne kwa o yang teng, ke tla ya teng; kwa o nnang teng, ke tla nna teng. Morafe wa ga eno ke morafe wa ga etsho. Modimo wa gago ke Modimo wa me.


E tla nna ene yo o go lapolosang pelo, yo o go tlamelang mo botsofeng jwa gago; gonne ngwetsi wa gago yo o go ratang o mmelege, ene o molemo mo go wena go feta bomorwa ba supa.”


Saule a re: “A Modimo o ntirele jaana, o nkokeletse jaana, fa ke sa go bolae, Jonathane.”


A Morena a direle Jonathane jaana a mo okeletse jaana: Fa go siametse rre go digela bosula mo go wena ruri ke tla go senolela jalo, ke go naya tsela gore o tsamae ka kagiso. Mme a Morena a nne nao jaaka a ne a na le rre.


A Modimo o direle Dafita jaana o mo okeletse jaana, fa nka sadisa a le mongwe fela yo motonanyana wa botlhe ba e leng ba gagwe go ya mo mosong.”


A mmotsa a re: “Ke eng se o se boleletsweng? A ko o se ntobele sepe. A Modimo o go betse jaana, o go okeletse jaana, fa o ka ntobela sengwe sa tsotlhe tse o di boleletsweng.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan