Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 1:16 - Setswana 1970

16 Mme Ruthe a re: “Se nkemelele gore ke go tlogele, ke boe ke se ye nao. Gonne kwa o yang teng, ke tla ya teng; kwa o nnang teng, ke tla nna teng. Morafe wa ga eno ke morafe wa ga etsho. Modimo wa gago ke Modimo wa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Mi Rute a re, Si ’nthibele, gore ki gu tlogele, go gu boela morago: gone kua u eañ gona, ki tla ea gona, le kua u tlolañ sigo gona, ki tla tlola sigo gona: bathu ba gago ki bathu ba me, le Morimo oa gago Morimo oa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Ruthe a re: “O se ka wa nthapela gore ke go tlogele, ke boe, ke kgaogane le go go sala morago; gonne kwa o yang gone, ke tlaa ya gone; kwa o lalang gone, ke tlaa lala gone; batho ba gaeno e tlaa nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tlaa nna Modimo wa me;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 1:16
23 Iomraidhean Croise  

Mme Ithai a fetola kgosi a re: “Ka bophelo jwa Morena le ka bophelo jwa kgosi mong wa me! Ruri, mo felong kwa kgosi mong wa me o tla nnang gona, motlhanka wa gago le ene o tla nna gona, le fa go iwa losong gongwe bophelong.”


Bomorwadia dikgosi ba kgabile mekgabo e mentlentle ya gago; mohumagadi o eme fa letsogong le le jang la gago, a kgabile ka gouta ya Ofire.


Tsala e nthata ka nako nngwe le nngwe; mme ke morwa-rre fela yo o ntsaletsweng sebaka sa tlalelo.


Gonne Morena o tla utlwela Jakobe botlhoko, a itlhaolela Iseraele gape, a ba nnisa mo lefatsheng la bone. Baeng ba tla ikopanya nabo, ba kgomarela ntlo ya ga Jakobe.


Kgosi ya fetola Daniele ya re: “Ka nnete, Modimo wa lona ke Modimo wa medimo le Morena wa dikgosi yo o senolang diphiri; gonne wena o kgonne go senola sephiri seo.”


“Jaanong ke tlhoma molao gore mongwe le mongwe, le fa e le wa morafe ofe gongwe wa setšhaba sefe gongwe wa puo efe, yo o tla buang sengwe sa go nyatsa Modimo wa ga Šaterage le Mešage le Abetenego o tla remaganngwa le ntlo ya gagwe e fetolwa thotobolo; ka gonne ga go na modimo ope o sele o o nonofileng go pholosa jaaka ona.”


“Jaanong nna Nebukatenesare ke tumisa Kgosi ya legodimo, ke a e godisa, ke a e tlotla ka re: Tiro tsotlhe tsa yona ke tsa mannete, ditsela tsa yona di siame; ba ba sepelang ka boikgodiso, o itse go ba kokobetsa.”


“Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ga o itse modimo o sele kwa ntle ga me! Ga go na mopholosi fa e se nna ke le nosi.


“Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Mo malatsing ao banna ba le some ba dipuo tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara Mojuta, ba itshwarelela ka moja wa kobo ya gagwe ba re: Re rata go ya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’ ”


Foo ga tla moitsedikwalo, a mo raya a re: “Moruti, ke tla go sala morago gongwe le gongwe kwa o ka yang teng.”


Petoro a mo raya a re: “Morena, ke ka ntlha ya eng, fa nka palelwa ke go go latela jaanong? Le bophelo jwa me nka bo go ntshetsa.”


Foo Paulo a araba a re: “Lo dirang ka go lela, lo mphatlola pelo? Kana ke iketleeditse go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema, e seng go golegwa fela.”


Gonne bone ka bosi ba bolela ka ga rona ka fa re neng ra amogelega sentle koo go lona ka teng, le ka fa lo neng lwa tlhabologela Modimong ka teng, lwa bakela medimo ya diseto go direla Modimo o o tshelang wa nnete,


Ke ene Morena yo o lelekileng merafe yotlhe eo le Baamori, baagi ba lefatshe le fa pele ga rona. Le rona re rata go direla Morena; gonne ke ene Modimo wa rona.”


Bao ke bone ba ba sa ikgotlelang ka basadi; ka gonne ba ntse jaaka makgarebe. Bao ke bone ba ba latelang Kwana kwa e ka yang teng. Ke ba ba rekolotsweng mo gare ga batho gore ba nne mabutswapele a Modimo le a Kwana.


Ke fa Naomi a re: “Bona, monnao o boetse kwa morafeng wa ga gabo le kwa modimong wa ga gabo. Le wena, boa o latele monnao.”


Kwa o swelang teng, ke tla swela teng, ke be ke fitlhwa gona. Le fa Morena a ka ntirela jang le jang – ke loso fela lo lo ka nkgaoganyang nao.”


Mookamedi wa basegi a mo araba a re: “Ke ene mosetsana wa Moabe yo o tsileng le Naomi kwa nageng ya Moabe.


E tla nna ene yo o go lapolosang pelo, yo o go tlamelang mo botsofeng jwa gago; gonne ngwetsi wa gago yo o go ratang o mmelege, ene o molemo mo go wena go feta bomorwa ba supa.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan