Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 1:15 - Setswana 1970

15 Ke fa Naomi a re: “Bona, monnao o boetse kwa morafeng wa ga gabo le kwa modimong wa ga gabo. Le wena, boa o latele monnao.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Mi a re, Bona, moguakau o boetse kua bathuñ ba gague le kua merimoñ ea gague: le uena, u sale moguakau morago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 A re: “Bona, mogwakao o boetse kwa bathong ba ga gabo, le kwa modimong wa gagwe; boa le wena o latele mogwakao.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 1:15
16 Iomraidhean Croise  

Elia a raya Elisa a re: “A ko o sale fa, gonne Morena o nthomile kwa Bethele.” Mme Elisa a re: “Ka botshelo jwa Morena le ka botshelo jwa gago, ga ke ne ke go tlogela.” Mme ba ya kwa Bethele.


Mme ba ba fapogelang mo ditseleng tse di kgopo tsa bona, Morena o tla ba lesa go ya tatlhegong mmogo le ba ba dirang boikepo. A kagiso e nne le Iseraele!


Gonne o ikgatlha ka esi, a ithaya a re, molato wa gagwe ga o kitla o bonwa le e seng go tlhoiwa.


le ba ba ikepang mo Moreneng le ba ba sa batleng Morena le ba ba se nang sepe nae.”


Mme a mo fetola a re: “Ga ke rate go ya le lona, mme ke tla ya kwa lefatsheng la ga etsho, kwa go ba ga etsho.”


Jaanong ya re ba atamela motsana o ba yang go ona, mme ene a dira jaaka e kete o fetela pele,


Mme mosiami wa me o tla tshela ka tumelo; mme fa a ka ikepa, mowa wa me ga o ne o mo itumelela.”


Mme fa e le bosula mo matlhong a lona go direla Morena, itlhopheleng kajeno yo lo ratang go mo direla, a medimo e borraeno ba neng ba e direla ba le kwa moseja ga noka ya Ferathe kampo medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone, mme nna le ba lapa la me re tla direla Morena.”


Mme Jošua a raya morafe a re: “Ga lo ne lo kgona go direla Morena; gonne ene ke Modimo o o boitshepo, ke Modimo o o lefufa; ga o kitla o lo itshwarela ditlolo tsa lona le maleo a lona.


Ba dule mo go rona, mme e ne e se ba rona; gonne fa e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa na le rona. Mme go tshwanetse ga bonala, fa e se ba rona botlhe.


A ga ke re, wena o tshwanetse go tsaya naga e o e filweng ke Kamose, modimo wa gago? Le rona re tsaya naga jalo ya mongwe le mongwe yo o lelekilweng ke Morena, Modimo wa rona.


Ke fa ba tsholetsa mantswe, ba lela gape; mme Orepha a atla matsalaagwe, a boela kwa morafeng wa ga gabo. Ruthe ene a mo ngaparela.


Mme Ruthe a re: “Se nkemelele gore ke go tlogele, ke boe ke se ye nao. Gonne kwa o yang teng, ke tla ya teng; kwa o nnang teng, ke tla nna teng. Morafe wa ga eno ke morafe wa ga etsho. Modimo wa gago ke Modimo wa me.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan