Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 1:14 - Setswana 1970

14 Ke fa ba tsholetsa mantswe, ba lela gape; mme Orepha a atla matsalaagwe, a boela kwa morafeng wa ga gabo. Ruthe ene a mo ngaparela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Mi ba culetsa koru tsa bona, mi ba ba ba lela: mi Orepe a atla matsalague; mi Rute a mo ñaparela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 Ba tsholetsa mantswe ba lela gape; Orepa a atla matsalaagwe; mme Ruthe ene a mo ngaparela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 1:14
22 Iomraidhean Croise  

Ga o a ka wa nteseletsa go ka atla bomorwaake le bomorwadiake! O dirile ka boeleele.


Jaanong Labane a phakela mosong, a atla bomorwawe le bomorwadie, a ba tshegofatsa. Labane a ba a tloga, a boela kwa ga gabo.


Jaanong batho botlhe ba tshela Joretane, le kgosi ya tshela. Kgosi ya ba ya atla Baresilai ya mo tsamaisa sentle, mme a boela kwa ga gabo.


Ke fa Elisa a tlogela dipholo, a siana a sala Elia morago a re: “Ka thapelo, nte ke ye go atla rre le mme, foo ke tla go latela.” A mo araba a re: “Yaa o boe! Kana ke go diretseng!”


Tsala e nthata ka nako nngwe le nngwe; mme ke morwa-rre fela yo o ntsaletsweng sebaka sa tlalelo.


Balekane ba motho ba ka mo isa mo tatlhegong; mme go ka nna le tsala e e kgomarelang motho bogolo go morwa-rraagwe.


Gonne Morena o tla utlwela Jakobe botlhoko, a itlhaolela Iseraele gape, a ba nnisa mo lefatsheng la bone. Baeng ba tla ikopanya nabo, ba kgomarela ntlo ya ga Jakobe.


“Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Mo malatsing ao banna ba le some ba dipuo tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara Mojuta, ba itshwarelela ka moja wa kobo ya gagwe ba re: Re rata go ya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’ ”


“Yo o ratang rraagwe gongwe mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe gongwe morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela.


Ke fa Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapaano sa gagwe, a ntshale morago;


Ya re lekau le utlwa lefoko le, la tsamaya le hutsafetse; gonne le ne le na le dithuo tse dintsi.


Mme banna bangwe ba mo ngaparela, ba dumela, mo go bone go le Dionisio wa Areopago, le mosadi mongwe yo leina la gagwe e leng Damarise, ba na le ba bangwe.


Boifang Morena, Modimo wa lona, lo mo direle, lo mo ngaparele, lo ikane ka leina la gagwe.


Mme lona ba lo ngaparetseng Morena, Modimo wa lona, lo sa ntse lo tshela gompieno.


gonne Demase o ntlogetse, ka a ratile lefatshe leno, o ile kwa Thesalonika. Keresekese o ile kwa Galatia, Tito o ile kwa Dalematia.


Mme rona ga re ba boikepo jo bo isang tatlhegong, re ba tumelo e e isang phologong ya botshelo.


A lo ka ba leta go tsamaya ba gola? A lo ka ithibelela nyalo ka ntlha ya bone? Nnyaya, bomorwadiaka! Kana ke lo tlhomogela pelo thata, ka e le fa letsogo la Morena le nkotlile.”


Ke fa Naomi a re: “Bona, monnao o boetse kwa morafeng wa ga gabo le kwa modimong wa ga gabo. Le wena, boa o latele monnao.”


A tloga kwa felong fa a neng a le teng, betsi ba babedi ba gagwe ba na nae. Ya re ba le mo tseleng go boela kwa lefatsheng la Juta,


Boase a araba, a mo raya a re: “Kana ke boleletswe tsotlhe sentle tse o di diretseng matsalaago, monna wa gago a sena go swa, wa tlogela rraago le mmaago le lefatshe la ga eno, wa tla kwa morafeng o ò neng o sa o itse pele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan