Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 1:13 - Setswana 1970

13 A lo ka ba leta go tsamaya ba gola? A lo ka ithibelela nyalo ka ntlha ya bone? Nnyaya, bomorwadiaka! Kana ke lo tlhomogela pelo thata, ka e le fa letsogo la Morena le nkotlile.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 A lo ka ba leta ba tsamaea ba gola? a lo ka rioa ki mouo go cula banona? Nyaea, bomoroariaka; gone ki utlua bogalaka bogolu go lona ka atla sa ga Yehova se ’ncogetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 ka re: A lo ne lo tlaa ba leta go tsamaya ba gola? A lo ne lo tlaa ithiba mo go tseweng ke banna ka ntlha ya moo? Nnyaa, bomorwadiaka; gonne go a nkhutsafatsa thata ka ntlha ya lona, gonne letsogo la ga Jehofa le nkwetse go tlhabana le nna.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 1:13
11 Iomraidhean Croise  

Ke fa Juta a raya Thamare, ngwetsi wa gagwe, a re: “Boela kwa ga eno, o nne motlholagadi go fitlhelela Sela morwaake a gole.” O ne a akanya gore e se re gongwe le ene a swa jaaka bomogolowe. Thamare a ya go nna kwa ga gabo.


Ntlhomogeleng pelo! Ntlhomogeleng pelo! Lona ditsala tsa me; gonne seatla sa Modimo se nkotlile.


Gonne letsogo la gago le ne le le bokete mo go nna bosigo le motshegare; bokgola jwa me jwa fetoga komelelo ya selemo. Sela.


Morena, se nkgalemele ka bogale jwa gago, se nkwatlhae mo kgakalong ya gago.


Le gona seatla sa Morena sa nna sa ba itaya go ba fedisa mo bothibelelong ga tsamaya ba felelela.


Gongwe le gongwe kwa ba neng ba tswela teng seatla sa Morena se ne se lwa nabo go ba direla tse di botlhoko, jaaka Morena a ne a boletse le jaaka Morena a ne a ba ikanetse. Mme e ne ya re fa ba le mo tlalelong e kgolo.


Boang, bomorwadiaka, lo ye kwa gae. Gonne ke tsofetse, mo ke sa ka keng ka tlhola ke nyalwa ke monna. Le fa nka re, ke na le tsholofelo, ka tsewa ke monna bosigo jo, ka belega bomorwa:


Ke fa ba tsholetsa mantswe, ba lela gape; mme Orepha a atla matsalaagwe, a boela kwa morafeng wa ga gabo. Ruthe ene a mo ngaparela.


Ke hudugile ke humile; Morena a mpusetsa kwano gae ke iphotlhere. Lo mpiletsang Naomi, ka e le fa Morena a supile molato mo go nna; Mong-wa-thata-yotlhe a nkutlwisa botlhoko.”


Ke fa ba roma ba phutha dikgosana tsotlhe tsa Bafelesita ba re: “Romelang Letlole la Modimo wa Iseraele kwa gongwe, a le boele kwa felong ga lone gore le se ka la re bolaya le morafe wa rona.” Motse otlhe o ne o tshogile lwa go swa. Seatla sa Modimo sa ba imela thata gona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan