Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 1:1 - Setswana 1970

1 E rile ka malatsi a puso ya baatlhodi ga nna tlala mo lefatsheng. Ke fa monna mongwe wa kwa Betleheme wa Juta a ya go jaka kwa nageng ya Moabe, ene le mosadi wa gagwe le bomorwawe ka bobedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ga rihala ga na loshekeri mo hatsiñ ka basiamisi ba siamisa. Mi monona moñue oa Beta‐lehema‐yuda a ea go tlolatlola mo hatsiñ ya Moaba, ena, le mosari oa gague, le bomoroaue ba tu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ga dirala e rile mo metlheng ya fa baatlhodi ba atlhola, ga bo go le leuba mo lefatsheng. Monna mongwe wa Bethelehema wa Juta a ya go jaka mo lefatsheng la Moabe, ene le mosadi wa gagwe, le bomorwawe ba le babedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 1:1
26 Iomraidhean Croise  

Go kile ga nna leuba mo lefatsheng leo, ke fa Aborame a ya kwa Egepeto go jaka gona; gonne leuba le ne le le legolo mo lefatsheng leo.


Go kile ga tla leuba gape mo lefatsheng leo, jaaka le kile la nna teng mo malatsing a ga Aborahame. Mme Isaka a ya kwa go Abimelege, kgosi ya Bafelesita, kwa Gerara.


Mme tlala ya nna kgolo mo lefatsheng.


Go kile ga bo go le tlala mo malatsing a ga Dafita dinyaga di le tharo tse di tlhomaganyeng. Jaanong ya re Dafita a botsa Morena, Morena a re: “Go na le molato wa madi mo go Saule le ba lapa la gagwe; ka gonne o bolaile Bagibeone.”


Elia a ya go iponatsa mo go Ahabe. Mme tlala e ne e le kgolo kwa Samaria.


le Salema Rra-Betleheme le Harefe Rra-Bethe-Katere.


Bomorwa Salema ke ba Betleheme le ba Netofa le ba Aterothe-Bethe-Joabe le batho ba bontlhanngwe jwa Bamanahathe, e bong ba kwa Sorea.


O kile a biletsa tlala mo lefatsheng, a senya tlamelo yotlhe ya dijo.


Lefatshe le le bogale o le fetotse magalaopa ka ntlha ya boikepo jwa baagi ba lone.


Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Jeremia ka ntlha ya komelelo e kgolo la re:


“Morwa-motho, fa lefatshe le nteofela ka go senya boikanyo, mme ke le otlololela letsogo, ke le senyetsa seiphediso sa bogobe, ke le romela tlala, ke nyeletsa batho le diruiwa mo go lone.


Gonne Morena Modimo o bua jaana a re: “Le fa ke romela dikotlo tse nne tsa me tse di botlhoko kwa Jerusalema, e leng tšhaka le tlala le dibata tse di bosula le leroborobo go nyeletsa batho le diruiwa teng,


Ke tla roba thata ya lona e lo ikgodisang ka yona, ke dira legodimo la lona gore le nne jaaka tshipi le lefatshe la lona go nna jaaka kgotlho.


“Jaanong le fa ke lo nnisitse ka legano le se botlhoko mo metseng yotlhe ya lona, ka lo tlhokisa dijo mo mafelong otlhe a lona, ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.


Ka moo o tla ba latlha go ya go fitlhelela sebakeng se mmelegi o belegeng ka sona. Foo masalela a bomorwa-rraagwe a tla boela kwa Baiseraeleng.


“O tla jwala peo e ntsi kwa tshimong, mme o roba dijo di se kae fela; gonne di tla jewa ke tsie.


Sehularong sa gagwe Baiseraele ba okamelwa ke Ibesane wa kwa Betleheme.


Jaanong go ne ga tla lekau le tswa kwa Betleheme wa Juta kwa losikeng lwa Juta. E ne le Molefi, a tlile teng go jaka.


Monna yoo o ne a tlogile kwa Betleheme motseng wa Juta, a ile go jaka fa a ka bonang tiro teng. Jaanong a fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime kwa ntlong ya ga Miga a le mo tseleng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan