Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Obadie 1:9 - Setswana 1970

9 “Wena motse wa Themane, bagale ba gago ba tla bo ba nyemile moko gore mongwe le mongwe a bolawe mo dithabeng tsa ga Esau ka polao e e setlhogo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Lona Batemana, ligañka tsa lona li tla reroa, gore moñue le moñue a khaoloe mo thabeñ tsa Esau.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 “Le diganka tsa gago, wena Temane, di tlaa rerega, e le ka boikaelelo jwa go re, mongwe le mongwe a kgaolwe mo thabeng ya ga Esau ka polao.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Obadie 1:9
19 Iomraidhean Croise  

Bomorwa Elifase e ne e le Themane le Omare le Sefo le Gaethame le Kenase.


Ya re Jobabe a sena go swa, ga busa Husame wa kwa lefatsheng la Bathemane mo boemong jwa gagwe.


E rile ditsala tse tharo tsa ga Jobe di utlwela tse di botlhoko tsotlhe tseo tse di mo wetseng, tsa tla, mongwe le mongwe a tswa kwa ga gabo, e bong Elifase wa Themane le Biletate wa Sua le Sofare wa Naama. Bao ba utlwana go ya mmogo kwa go ene le go mo lelela le go mo gomotsa.


Ka moo utlwang maikaelelo a Morena a o ikaeletseng ka ga Etomo, le dikakanyo tsa gagwe tse o di akantseng ka ga baagi ba Themane: Ruri, ba bannye ba letsomane ba tla gogwa; naga ya bone e tla rerega ka ntlha ya bone.


Bonang, mmaba o tla bolola, a fofa, a atamela, a tsharolola diphuka tsa gagwe jaaka ntsu godimo ga Bosera. Ka letsatsi leo dipelo tsa bagale ba Etomo di tla tshwana le pelo ya mosadi yo o segwang ke maralalo.”


Ka ga Etomo. Morena wa masomosomo o botsa jaana a re: “A ga go tlhole go na le botlhale kwa Themane? Nnyaya! Batlhalefi ba latlhegetswe ke tlhaloganyo. Botlhale jwa bone bo senyegile.


ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Ke tla tsholeletsa lefatshe la Etomo letsogo, ke nyeletsa batho le diruiwa mo go lone, ke le fetola sekaka; ba tla wa ka tšhaka go tswa kwa Themane go ya go fitlha kwa Detane.


Mme ke tla latlhela molelo kwa Themane gore o je matlo a borena a Bosera.”


Le yo o pelokgale go phala bagale botlhe o tla tshaba a sa ikatega ka letsatsi leo,” go bua Morena.


Mme bapholosi ba tla tlhatlogela mo thabeng ya Sione, gore ba buse dithaba tsa Esau, mme bogosi e tla nna jwa Morena.”


“Fa magodu a tla kwa go wena, le fa e le dinokwane bosigo – kana o nyalediwa jang! – ga ke re, ba tla utswa ka fa go ba lekanyeng ka teng? Fa bafudi ba maungo a moweine ba tla kwa go wena, ga ke re, ba tla tlogela maronopo?


Bona, morafe wa gago o o mo teng ga gago ke basadi fela; ruri, dikgoro tsa lefatshe la gago di bulegetse baba ba gago; molelo o jele diphemelo tsa gago.


Modimo o tla tswa kwa Themane, Moitshepi a tswa kwa thabeng ya Pharane. Sela. Kgalalelo ya ona e khurumeditse magodimo, lefatshe le tletse pako ya ona.


gore lo se ka lwa lwa nabo; gonne ga nkitla ke lo naya sepe sa lefatshe la bone le e seng fa go lekanang pato ya lonao; ka gonne dithaba tsa Seire ke di neile Esau go nna tsa gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan