Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Obadie 1:5 - Setswana 1970

5 “Fa magodu a tla kwa go wena, le fa e le dinokwane bosigo – kana o nyalediwa jang! – ga ke re, ba tla utswa ka fa go ba lekanyeng ka teng? Fa bafudi ba maungo a moweine ba tla kwa go wena, ga ke re, ba tla tlogela maronopo?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Ha magoru a ko a tla go lona, khotsa basenyi ka bosigo, (lo sencoe yañ!) a ba ko ba sa ucue ba tsamaea ba lekañoa? ha bahuri ba mevina ba ko ba tla go lona, a ga ba ko ba sarisa maburuco?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Fa magodu a ka tla mo go wena, le fa e le dinokwane bosigo (ana o ka bo o kgaotswe jang!) a ba ne ba se ketla ba utswa go tsamaya ba kgora? Fa bahudi ba difine ba ka tla mo go wena, a ba ne ba se ketla ba sia maronopo mangwe a difine.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Obadie 1:5
13 Iomraidhean Croise  

“Iseraele, mokgabo wa gago o bolaetswe kwa dithoteng tsa gago. Kana bagale ba ole jang!


“Kana o wele jang ne mo legodimong, wena naledi ya masa, morwa mahube! Kana o digetswe jang ne fa fatshe, wena mofenyi wa ditšhaba!


Mme go tla tlogelwa maronopo jaaka fa go tshikinngwa ditlhare tsa olefa: Maungo a mabedi gongwe a mararo kwa godimo mo setlhoeng sa setlhare, a mane gongwe a matlhano mo dikaleng tsa setlhare se se ungwang.” Go bua Morena, Modimo wa Iseraele.


Gonne mo ditšhabeng tsa lefatshe go tla nna jaaka fa setlhare sa olefa se tshikinngwa; jaaka fa ba ronopa moweine, phulo e sena go fela.


Fa bakgetli ba maungo a moweine ba tla kwa go wena, ga ba kitla ba go tlogelela maronopo; fa magodu a tla bosigo, a tla senya ka fa a ratang ka teng.


Kana noto e e iteileng lefatshe lotlhe e kgaotswe, e robegile jang! Kana Babele o fetogile theregiso jang mo ditšhabeng!


Morena wa masomosomo o buile jaana le nna a re: “Ronopa masalela a Iseraele jaaka setlhare sa moweine ka tlhoafalo. Tsenya letsogo gangwe le gape mo dikaleng jaaka yo o fulang!”


Ao! O ntse jang o le osi motse o o neng o tletse batho! Mohumagadi wa ditšhaba o tshwana le motlholagadi; kgosi ya sesadi ya mafatshe e fetogile lelata!


“Wena motse wa Themane, bagale ba gago ba tla bo ba nyemile moko gore mongwe le mongwe a bolawe mo dithabeng tsa ga Esau ka polao e e setlhogo.


Joo nna wee, ke latlhegile! Ke tshwana le yo o selang maronopo a moweine morago ga phulo ya maungo a selemo, mme go se lesitlha le le ka jewang. Mowa wa me o eletsa difeie tse di butswang pele.


Ke ona motse o o neng o itaola mo tlhapelong, o o neng o agile mo phemelong, mme o ithaya mo pelong o re: “Ke nna! Ga go ope kwa ntle ga me.” O fetogile jang sekaka le marobalo a diphologolo! Botlhe ba ba fetang fa go ona ba tla letsa melodi, ba supa letshogo ka diatla.


E re fa o fudile tshimo ya moweine ya gago, o se ka wa boela wa ronopa; a maronopo e nne a moeng gongwe a lesiela gongwe a motlholagadi.


di ntse di emetse kgakala, ka di boifa go tlhokofadiwa ga gagwe, di re: “Ijoo-wee! Ijoo-wee! Wena motse o mogolo wa Babilone, motse o o thata! Kana petso ya gago e tsile ka nako e le nngwe fela!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan