Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Obadie 1:4 - Setswana 1970

4 Le fa o dira sentlhaga sa gago kwa godimodimo jaaka ntsu; le fa e le se se tlhomilweng mo gare ga dinaledi, ke tla go folosa teng,” go bua Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Leha lo ikhorisa yaka lenoñ, mi leha lo baea setlaga sa lona kua linaleriñ, ki tla lo holosa gona, go bua Yehova.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Le fa o palamela kwa godimodimo jaaka ntswi yo motona, le fa setlhaga sa gago se ka bo se tlhomilwe mo dinaleding, ke tlaa go folosa teng,” go bua Jehofa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Obadie 1:4
8 Iomraidhean Croise  

Seatla sa me se bonye mahumo a merafe jaaka sentlhaga sa nonyane; ka phutha lefatshe lotlhe jaaka go phuthwa mae a a tlogetsweng, go se yo o tshikinyang lefuka, go se yo o atlhamisang molomo, go se yo o lelang.”


Poitshego ya gago le boikgantsho jwa pelo ya gago di go tsieditse, wena yo o agileng mo dikgageng tsa mafika, yo o ruileng ditlhoa tsa dithaba. Le fa o aga sentlhaga sa gago kwa godimodimo jaaka ntsu, ke tla go folosa teng,” go bua Morena.


Le fa Babele a ka tlhatlogela kwa legodimong, le fa a ka godisa diphemelo tsa gagwe thata: Ba ba mo fetolang sekaka ba tla tla kwa go ene, ba romilwe ke nna,” go bua Morena.


Le fa ba ka sutlhelela kwa felong ga baswi, letsogo la me le tla ba ntsha teng; le fa ba ka tlhatlogela kwa legodimong, ke tla ba folosa gona.


A tatlhego wee ya yo o bapalelang ntlo ya gagwe khumo ka tsietso gore a ikagele sentlhaga kwa godimo go ipoloka gore tatlhego e se mo wele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan