Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Obadie 1:10 - Setswana 1970

10 “Ditlhong di tla go khurumetsa, o nyelediwa ka go sa feleng ka ntlha ya go gatelela Jakobe monnao.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Litloñ li tla lo khurumetsa, mi lo tla khaoloa ka bosakhutleñ, ka khemetho le tsenyo e e rihecoeñ Bayakoba bana ba rra‐enu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 “Ditlhong di tlaa go khurumetsa ka ntlha ya thubako e e diretsweng monnao Jakobe, mme o tlaa kgaolwa ka bosakhutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Obadie 1:10
30 Iomraidhean Croise  

Jakobe a raya Rebeka mmaagwe a re: “Bona, nkgonne Esau ke monna yo o boboa, mme nna ke monna yo o borethe.


Ke fa Esau a tlhoa Jakobe ka ntlha ya tshegofatso e rraagwe a mo tshegofaditseng ka yona. Esau a akanya mo pelong a re: “Malatsi a go lelela rre a gaufi; morago ke tla bolaya nnake Jakobe.”


Gape le gona ga tla Baetomo, ba fenya Bajuta, ba isa batho mo botshwarong.


A baganetsi ba me ba apesiwe nyatsego, a ba iphuthe ka ditlhong tsa bona jaaka ka kobo.


Ke tla apesa baba ba gagwe ditlhong; mme serwalo sa bogosi se se mo go ene se tla phatsima.”


Morena, gopola Baetomo, ba ka letsatsi la Jerusalema ba rileng: “Mo rutleng, mo phomeng go fitlha mo motheong!”


A bona ba ba go lebeletseng ba se tlhajwe ke ditlhong ka nna, Morena, Modimo wa masomosomo. A bona ba ba go batlang ba se swabe ka nna, Modimo wa Iseraele.


O fifaditse kgalalelo ya gagwe, wa digela sedulo sa gagwe sa bogosi fa fatshe.


Masego a mo tlhogong ya mosiami, mme melomo ya baikepi e fitlha kgatelelo.


Yo o sotlang mohumanegi o kgala Modiri wa gagwe; yo o itumelelang kotsi ya yo mongwe ga a nke a tlhoka petso.


Morena o buile jaana a re: “Merafe yotlhe e e bapileng le nna e e bosula e e amang boswa jo ke bo abetseng Iseraele, morafe wa me, bonang, ke tla e kumola mo dinageng tsa yona, le Bajuta ke tla ba kumola mo gare ga yona.


A re itelegeng mo ditlhonnye tsa rona! A nyatsego ya rona e re khurumetse! Gonne re leofetse Morena, Modimo wa rona, rona le borraetsho go tswa bonyaneng jwa rona go fitlha letsatsing la kajeno, mme ra se ka ra utlwa lentswe la Morena, Modimo wa rona.”


Gonne Morena o buile a re: “Ke ikanne ka nna ka re: ‘Bosera o tla fetoga poitshego le kgobo le sekaka le thogako; metsana yotlhe ya teng e tla nna marope go ya go ile.’ ”


‘Re tlhabilwe ke ditlhong, fa re utlwa dikgobo. Nyatsego e ne e sosobanya difatlhego tsa rona. Gonne baeng ba tsenye mo go tse di boitshepo tsa Ntlo ya Morena.’


Wena morwadia Etomo yo o agileng mo lefatsheng la Use, itumele o thabe. Le wena o tla tlelwa ke senwelo; o tla tagwa, o ikapola!


Kotlo ya gago e lekanye, wena morwadia Sione; ga a ka ke a go isa gape mo botshwarong. Mme wena morwadia Etomo o tla go beletsa molato wa gago, a ba a senola maleo a gago.


Ke tla go fetola sekaka se se sa khutleng; ga go kitla go nna ope mo metseng ya gago, gore lo itse, fa ke le Morena.


Ba tla apara diaparo tsa bohutsana; therego e tla ba khurumetsa. Difatlhego tsotlhe di tla tlhajwa ke ditlhong; ditlhogo tsotlhe tsa bone di tla nna mafatla.


“Egepeto o tla fetoga sekaka, Etomo a fetoga naga e e senyegileng ka ntlha ya setlhogo se ba se dirileng mo Bajuteng, ka ba tsholotse madi a a se nang molato mo lefatsheng la bone.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Etomo, le fa e le a mararo fela. Gonne o lateletse morwa-rraagwe ka tšhaka, a latlha bopelotlhomogi jotlhe jwa gagwe, a nna a mo senyetsa ka bogale jwa gagwe, a mo tlhoela ruri.


Mmabagadi wa me o tla bona, a khurumediwa ke ditlhong, yo o ntseng a nthaya a re: “O kae, Morena, Modimo wa gago?” Matlho a me a tla mmona ka boitumelo. Jaanong o tla gatakwa jaaka seretse mo mebileng.


“O se ka wa tlhoa Moetomo ka gonne ke wa ga eno. O se ka wa tlhoa Moegepeto, ka gonne o ne o le moeng mo lefatsheng la ga gabo.


Bana ba bone ba ba tsalwang mo losikeng lwa boraro ba ka tsena mo phuthegong ya Morena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan