Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Obadie 1:1 - Setswana 1970

1 Pono ya ga Obatya. Morena Modimo o bua jaana ka ga Etomo a re: Re begetswe ke Morena ga twe: Morongwi o romilwe kwa ditšhabeng a re: “Nanogang, a re bololeng go tlhabana nae!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 SEPONTSISHO sa ga Obadie. Go bua yalo Yehova Morena kaga Baedoma: Re utluile tumeri e e coañ go Yehova, mi moroñoi o romecoe mo meraheñ, a re, Nanogañ, mi a re ba nanogeleñ re tlabane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ponatshegelo ya ga Obadia. Go bua jaana Morena Modimo ka ga Etome; a re: “Re utlwile mafoko a a tswang mo go Jehofa, mme morongwa mongwe o romilwe mo merafeng a re: ‘Nanogang, a re nanogeng re yeng go tlhabana nae.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Obadie 1:1
28 Iomraidhean Croise  

Ke fa Esau a raya Jakobe a re: “A ko o mphe, ke je bohibidu jo, gonne ke lapile thata.” Ke ka moo ba mo teileng leina la Etomo.


Ka moo Esau a ya go nna kwa dithabeng tsa Seire. Esau ke ene Etomo.


Losika lwa ga Esau, rraabo Baetomo ba ba kwa dithabeng tsa Seire, ke lo:


Morena, gopola Baetomo, ba ka letsatsi la Jerusalema ba rileng: “Mo rutleng, mo phomeng go fitlha mo motheong!”


Taelo ya Modimo ka ga Duma. Ba ntlhaeletsa ba le kwa Seire ba re: “Molebeledi, bosigo bo tla sa leng? Molebeledi, bosigo bo tla sa leng?”


Molebeledi a re: “Moso o tlile, bosigo le jona. Fa lo rata go botsa, boang lo botse gape!”


Gonne le fa dikgosana tsa bone di gorogetse kwa Soane, le fa barongwi ba bone ba fitlhile kwa Hanese,


Foo ka tsaya senwelo mo seatleng sa Morena, ka nosa ditšhaba tsotlhe tse Morena a nthometseng kwa go tsona,


le Etomo le Moabe le Baamone;


“E se re gongwe pelo tsa lona tsa nyema moko, lwa boifa, fa lo utlwa magatwe a a bolelwang mo lefatsheng, e le magatwe mangwe monongwaga, le a mangwe gape isago; fa go le kgatelelo mo lefatsheng, fa babusi ba tsogelana.


Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re:


“Egepeto o tla fetoga sekaka, Etomo a fetoga naga e e senyegileng ka ntlha ya setlhogo se ba se dirileng mo Bajuteng, ka ba tsholotse madi a a se nang molato mo lefatsheng la bone.


Mmetla-tsela o tla bolola, a ba etelela pele; ba tla sutlha, ba tsena ka kgoro, ba tswa ka yona. Mme Kgosi ya bone e tla ba etelela pele, mme Morena a le tlhogo ya bone.


Lo tla utlwela dintwa le medumo ya dintwa. Itiseng, mme lo se ka lwa tshoga; gonne go tshwanetse go dirafala; mme e tla bo e ise e nne bokhutlo.


Mme e re lo utlwela dintwa le medumo ya dintwa, lo se ka lwa tshoga; dilo tse, di tshwanetse go dirafala; mme e tla bo e ise e nne bokhutlo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan