Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Nehemie 4:3 - Setswana 1970

3 Mme Tobia wa Moamone a ne a bapile nae a re: “Le fa ba aga eng, fa phokojwe e se tlolela, e tla diga lobota lwa majwe lwa bone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi Tobie oa Moamona o la a le ha go ena, mi a re, Leha ba aga, ha phukuye e tlatloga, e tla rutla lorako loa bona loa maye.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Jaana Tobia wa Moamone o ne a le fa go ene, mme a re: “Le se ba se agang, fa phokoje a se palama, o ka thuba lorako lwa bone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Nehemie 4:3
8 Iomraidhean Croise  

Mme Benehatate a roma gape kwa go ene a re: “A medimo e ntirele jaana, e be e nkokeletse jaana, fa lerole la Samaria le ka lekana go tlala diatla tsa banna botlhe ba ba ntshetseng morago.”


Mme ene a re: “Ba tshwareng fela, lo se ba bolae, le fa ba bololetse kagiso gongwe tlhabano.”


Mme jaanong a ko o dire peelano le morena wa me kgosi ya Asiria: Ke tla go naya dipitse di le dikete tse pedi fa o ka kgona go ntsha bapalami ba tsona.


Mme Sanebalate wa kwa Horone le Tobia motlhanka wa Moamone, ya re ba utlwa gore go tlile motho yo o batlang tse di molemo tsa Baiseraele, ga ba sulafalela thata.


Mme ya re Sanebalate wa kwa Horone le Tobia motlhanka wa Moamone le Geseme wa Moarabia ba utlwa jalo, ba re sotla, ba re nyatsa ba re: “Ke eng se lo se dirang? A lo a re, lo tsogela kgosi?”


E rile Sanebalate le Tobia le Geseme wa Moarabia le baba ba bangwe ba rona ba utlwela, fa ke agile lobota, e bile go sa tlhole go le phatlha mo go lone, le fa go fitlha sebakeng seo ke ne ke ise ke tsenye ditswalo mo dikgorong,


ke tsa thaba ya Sione e e fetogileng marope, e diphokojwe di sianang mo go yona.


“Moamone gongwe Momoabe a se ka a tsena mo phuthegong ya Morena; le wa losika lwa some wa ga bone a se ka a tsena mo phuthegong ya Morena ka gope,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan