Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Nehemie 2:3 - Setswana 1970

3 Ka raya kgosi ka re: “A kgosi e phele ka go sa feleng! A ga ke a tshwanela go hutsafala, ka motse o o nang le diphupu tsa borraetsho e le marope fela le dikgoro tsa ona di fisitswe ka molelo?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi ka raea khosi, A khosi e tsele ka bosakhutleñ: ana ki sa tlonyetseñ, ka motse, helo ga liphupu tsa bo‐rre, o le khakhabalo, mi likhoro tsa ona li nyelericoe ka molelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ka raya kgosi ka re: “A kgosi e tshele ka bosaengkae: ana ga ke tlhonyetseng sefatlhogo ka motse le felo ga diphupu tsa borraetsho e le kgakgabalo fela, le dikgoro tsa gone di jelwe ke molelo?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Nehemie 2:3
21 Iomraidhean Croise  

Ba nthaya ba re: “Ba ba sadisitsweng ba sa isiwe mo botshwarong ba mo tatlhegong e kgolo le mo nyatsegong gona kwa nageng ele. Lobota lwa Jerusalema lo digilwe le dikgoro tsa lone di fisitswe ka molelo.”


Bakalatea ba raya kgosi ka Sesiria ba re: “A kgosi e phele ka bosakhutleng! Bolelela batlhanka ba gago toro gore re bolele tlhaloso ya yona.”


Ke fa Batsheba a inamela fa fatshe ka sefatlhego, a ikobela kgosi a re: “A kgosi Dafita, morena wa me, a phele ka bosakhutleng!”


Mmaagwe kgosi a ba a tsena mo ntlong ya moletlo ka ntlha ya go goa ga kgosi le ga ditona tsa yona. Mmaagwe a bua a re: “Wena kgosi, phela ka bosakhutleng! A dikakanyo tsa gago di se ka tsa go tshosa! O se ka wa setlhafala sefatlhego!


A loleme lwa me lo kgomarele magalapa a me, fa ke sa go gopole, fa ke sa itumelele Jerusalema bogolo go dilo tsotlhe!


Daniele a araba kgosi a re: “Kgosi, phela ka bosakhutleng!


Ke fa baokamedi bao le dikgosana ba itlhaganela, ba ya kwa kgosing, ba e raya ba re: “Kgosi Dario, phela ka bosakhutleng!


Dikgoro tsa Sione di rorometse leroleng; o sentse phemelo ya gagwe, a e thubaganya; kgosi ya gagwe le dikgosana tsa gagwe di kwa ditšhabeng, kwa thuto e seng teng. Le baporofeti ba gagwe ga ba bone pono epe e e tswang mo Moreneng.


Mme Hesekia a robala le borraagwe, a fitlhwa fa thotaneng ya diphupu tsa boora Dafita. Batho botlhe ba Juta le baagi ba Jerusalema ba mo direla ka tlotlo mo losong lwa gagwe. Mme Manase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.


Mme Ahase a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa Jerusalema; gonne ba se ka ba mo isa kwa mabitleng a dikgosi tsa Juta. Mme Hesekia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.


O ne a le dinyaga di le 32 fa a simolola go busa; a busa dinyaga di le robedi kwa Jerusalema. A tlhokafala, mme go se na ope yo o mo hutsafaletseng, a ba a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita, mme e seng mo mabitleng a dikgosi.


Ba simolola go bua, ba raya kgosi Nebukatenesare ba re: “Kgosi, phela ka bosakhutleng!


Wena o tla nanoga, o utlwela Sione botlhoko; gonne ke nako ya go mo itshwarela; nako e e beilweng e tsile.


Metse ya lona ke tla e fetola marope, ke dira mafelo a a boitshepo a lona sekaka, ga ke ne ke dupa monko o o monate wa tse lo di mphisetsang.


Ka ngwaga wa 19 wa puso ya ga Nebukatenesare kgosi ya Babele ka kgwedi ya botlhano e supa ga tla Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, motlhanka wa kgosi ya Babele kwa Jerusalema.


Ba fisa Ntlo ya Modimo, ba thuba lobota lwa Jerusalema, ba fisa matlo otlhe a borena a teng, mo go bileng ga senyega dilo tsotlhe tse di tlhokegang tsa teng.


Ka tswa ka Kgoro ya Molapo bosigo, ka ya ntlheng ya Motswedi wa Kgogela le kwa Kgorong ya Letshotelo, ka sekaseka lobota lwa Jerusalema lo lo digilweng le dikgoro tsa lone tse di fisitsweng ka molelo.


Ka ngwaga wa 19 wa puso ya ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, ka kgwedi ya botlhano e le some, ga tla Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, yo e leng modiredi wa kgosi ya Babele, a fitlha kwa Jerusalema.


Gonne nka kgona jang go leba bosula jo bo tlang go wela morafe wa ga etsho? Nka kgona jang go leba tatlhego ya losika lwa ga etsho?”


Ke koname, ke hutaganye gotlhe; ke tlhola ke tsamaya ke hutsafetse.


Gonne batlhanka ba gago ba rata majwe a gagwe, ba utlwa botlhoko, ka a thubakilwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan