Nehemie 1:3 - Setswana 19703 Ba nthaya ba re: “Ba ba sadisitsweng ba sa isiwe mo botshwarong ba mo tatlhegong e kgolo le mo nyatsegong gona kwa nageng ele. Lobota lwa Jerusalema lo digilwe le dikgoro tsa lone di fisitswe ka molelo.” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)3 Mi ba ’nthaea, Masalela a bocuaro a a setseñ gona mo khaoloñ ea bogosi ba mo boshuleñ yo bogolu le khobo: le lorako loa Yerusalema lo rutliloe, le likhoro tsa ona li hisicoe ka molelo. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo3 Ba nthaya ba re: “Masalela a a setseng a ba botshwaro gone kwa kgaolong ele ya lefatshe, ba mo pitlaganong e kgolo le kgobo; le lone lorako lwa Jerusalema lo rutlilwe, le ditswalo tsa one di fisitswe ka molelo.” Faic an caibideil |
“Gonne Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Bogale jwa me le kgalefo ya me di goromeleditswe mo baaging ba Jerusalema, kgalefo ya me e tla goromelediwa mo go lona jalo, fa lo ya kwa Egepeto. Lo tla nna thogo le theregiso le khutso le kgobo, mme felo fa ga lo kitla lo tlhola lo go bona.’