Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 7:9 - Setswana 1970

9 Ke leofetse Morena, mme ke tla itshokela bogale jwa gagwe go fitlhelela a nkemele tshekong ya me, a ntirele tse di ntshiametseng. O tla nntshetsa kwa leseding gore ke bone ditiro tse di siameng tsa gagwe ka boitumelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Ki tla belega bocarara yoa ga Yehova, gone ki mo leohetse, e tla e tsamaea a ganelela se se ganeloañ sa me, le go ’ntihela tsiamisho: o tla ’nnisetsa mo seriñ, ki tla bona tsiamo ea gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Ke tlaa belega kgakalo ya ga Jehofa ka ke mo leofetse, go tsamaya a ganelela mafoko a me, mme a ntirela tshiamiso. O tlaa nntshetsa mo leseding mme ke tlaa bona tshiamo ya gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 7:9
36 Iomraidhean Croise  

Ya re Dafita a bona moengele a ntse a bolaya batho ba morafe, a raya Morena a re: “Kana ke nna ke leofileng, ke nna ke sentseng, mme dinku tse, di dirileng? A letsogo la gago le ke le betse nna le ba lapa la ga rre!”


Gonne Modimo o itse tsamao ya me; fa o ka nteka, ke tla tswa jaaka gouta.


Bogolo jang, fa ò re: ‘Ga ò o bone! Kgang e fa pele ga ona, o lete.’


Nkemele mo tshekong ya me, o nkgolole, o mphedise ka fa tsholofetsong ya gago.


o tla phatsimisa tshiamo ya gago jaaka lesedi, le tshiamelo ya gago jaaka motshegare.


Nkatlhole, Modimo, o nkemele mo tshekong ya me le batho ba ba se nang lorato, o nkgolole mo bathong ba tsietso le ba tshiamololo.


fa go ntse jalo, a mmaba a nteleke, a ntshware, a gatakele bophelo jwa me mo mmung, tlotlo ya me a e latse mo leroleng. Sela.


Katlholo e tla boela mo tshiamong; botlhe ba ba dipelo di tlhamaletseng ba tla e latela.


“Ke tla goga difofu mo tseleng e di sa e itseng, ke di tsamaisa mo ditselaneng tse di iseng di di gate. Ke tla fetola lefifi lesedi fa pele ga tsona, le naga e e magwata lebala. Dilo tse ke tla di dira. Ga nkitla ke di lesa.


gore o budulole matlho a difofu, o ntshe batshwarwi mo botshwarong, le ba ba ntseng mo lefifing mo ntlong ya kgolegelo.


Ke atameditse tshiamiso ya me, ga e kgakala. Pholoso ya me ga e diege. Ke aba pholoso mo Sione, ke naya Iseraele kgalalelo ya me.’ ”


Morena wa gago, Morena, Modimo wa gago, yo o lwelang morafe wa gagwe, o bua jaana a re: “Bona, ke tlositse senwelo se se theekedisang mo seatleng sa gago, e bong senwelo sa bogale jwa me. Ga o kitla o tlhola o se nwa.


Morena o bua jaana a re: “Dirang ka tshiamo, bolokang molao. Gonne pholoso ya me e gaufi le go tla; le tshiamo ya me e gaufi le go bonala.


A tatlhego ya me wee ka ntlha ya kotlo e ke otlilweng ka yona! Ntho ya me ke e e sa foleng. Mme nna ke ne ka re: “Ke bolwetse fela jo nka bo itshokelang.”


‘Morena, le fa melato ya rona e supa ka ga rona, thusa, o dire jalo ka ntlha ya leina la gago; ee, boikepo jwa rona bo bogolo, re go leofetse.


“Morena o senotse ditshiamelo tsa rona. Tlayang a re boleleng tiro ya Morena, Modimo wa rona, kwa Sione.


“Morena ene o siame, gonne ke ne ka ganetsa molomo wa gagwe. Lona ditšhaba tsotlhe, utlwang! Bonang matlhoko a me! Makgarebe a me le makau a me a ile botshwarong.


– Ka moo le nna ka ba ngalela, ka ba isa kwa lefatsheng la baba ba bone. – Mme e tla re fa dipelo tsa bone tse di sa rupang di ikokobetsa, mme ba dumelana le petso ya molato wa bone,


Mme lo tla baa lo bona pharologanyo fa gare ga mosiami le moikepi, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng.


Ka moo he, lo se ka lwa atlhola sepe, e ise e nne nako, go ya Morena a tle yo o tla ntshetsang leseding tse di fitlhilweng tsa lefifi, a senola maikaelelo a dipelo; foo mongwe le mongwe o tla bona poko mo Modimong.


Jaanong ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo se Morena Moatlhodi yo o siameng o tla se nnayang ka letsatsi leo, mme e seng nna ke le nosi, le bona botlhe ba ba ratang ponatshego ya gagwe.


O itumelele, wena legodimo, le lona baitshepi le lona baapostolo le lona baporofeti; ka gonne Modimo o dirafaditse katlholo ya lona mo go ona!”


Kgosi ya Iseraele e bolotse go latelela mang? Wena o tsoma mang? O latelela ntšwa e e suleng, o tsoma letsetse le le lengwe fela.


Ya re Dafita a utlwa gore Nabale o sule, a re: “A go bakwe Morena yo o sekileng kgang ya kgobo e Nabale a e nkgobileng, a thibela motlhanka wa gagwe gore a se dire bosula, mme Morena a busetsa bosula jwa ga Nabale mo tlhogong ya gagwe.” Dafita a ba a roma, a bua le Abikaile gore a mo tsee go nna mosadi wa gagwe.


Dafita a ba a re: “Ka bophelo jwa Morena! Ruri, Morena o tla mo itaya gongwe go tla tla letsatsi la gagwe la go swa gongwe o tla bolawa mo ntweng.


Ke fa Samuele a mmolelela mafoko aotlhe, a se ka a mo lobela sepe. Mme Eli a re: “Ke Morena. A a dire tse di siameng mo matlhong a gagwe.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan