Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 7:8 - Setswana 1970

8 O se ka wa intumelela, mmabagadi wa me! Gonne le fa ke ole, ke tla ba ke tsoga; le fa ke ntse mo lefifing, Morena ke lesedi la me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 U si itumele kaga me, maba oa me: leha ki ole, ki tla ba ki coga; leha ki rutse mo hihiñ, Yehova ki leseri ya me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 O se ka wa itumela ka ga me, wena mmaba wa me; mogang ke wang, ke tlaa tsoga; mogang ke dulang mo lefifing, Jehofa o tlaa nna lesedi mo go nna.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 7:8
46 Iomraidhean Croise  

Fa ke itumeletse tatlhego ya yo o ntlhoileng fa ke ne ke duduetsa, fa bosula bo mo wela –


Mosiami o bonegela ba ba nang le nnete mo lefifing jaaka lesedi, a le boitshwarelo le boutlwelo-botlhoko le tshiamo.


Gonne mmaba o bogisa mowa wa me, o gateletse bophelo jwa me fa fatshe; o nkagisa mo lefifing jaaka bona ba ba swetseng ruri.


Bangwe ba boka dikoloi tsa tlhabano, ba bangwe ba boka dipitse; mme rona re baka leina la Morena, Modimo wa rona.


Pesalome ya ga Dafita. Morena ke lesedi la me le pholoso ya me; ke tla boifa mang? Morena ke botshabelo jwa bophelo jwa me; ke tla tshoga mang?


Ba e leng baba ba me, ba se na lebaka, a ba se intumelele; a ba ba ntlhoileng ka bomo fela ba se getle ka leitlho.


Moikepi o a adima, mme a se ke a buse; mme mosiami ena o pelonomi, o a fa.


Le fa a ka wa, ga a wele ruri; gonne Morena o tshwere seatla sa gagwe.


Gonne ke lebeletse wena, Morena o tla araba, Morena, Modimo wa me.


Gonne letsatsi le le lengwe fela mo malapeng a gago le gaisa malatsi a le sekete a mangwe. Ke rata go nna fa serepoding sa mojako wa Ntlo ya Modimo wa me bogolo go go aga mo matlong a boikepo.


Lesedi le tlhabetse mosiami, le boitumelo bo bonaletse ba ba dipelo di thokgameng.


Ba ntlo ya ga Jakobe, tlayang a re tsamaeng mo leseding la Morena!


le go raya bagolegwi: ‘Tswayang!’ le go raya ba ba mo lefifing: ‘Tswelang mo leseding!’ Ba tla fudisa fa thoko ga ditsela tsotlhe. Mafulo a bone a mo mebotong yotlhe e e iphotlhereng.


Ke mang mo go lona yo o boifang Morena, yo o utlwang lentswe la motlhanka wa gagwe, yo o sepelang mo mafifing a sa bone lerang la lesedi? A a ikanye leina la Morena, a ikaege ka Modimo wa gagwe.


Batho ba ba sepelang mo fifing ba bonye lesedi le legolo; ba ba agileng mo lefatsheng la moriti wa loso, lesedi le ba phatsimetse.


Kampo a e ne e se Iseraele yo ò mo sotlileng? A o ne a tshwarwa a na le magodu, fa ò bileng wa mo thukhuthela tlhogo, wa mo sotla ka nako le nako, fa o bua ka ga gagwe?


“Le fa lo ka itumela, le fa lo ka duduetsa, lona ba lo thukhuthileng boswa jwa me; le fa lo ka karaganya jaaka namane mo bojannye jo bonana; le fa lo ka tlhaba mogolokwane jaaka dipheke.


“Le gona o ba ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: A motho o a tle a we, a sa tsoge gape? A o a tle a fapoge, a sa boe gape?


Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: “E re ka lo opile diatla, lwa tiba ka dinao, lwa tshega lefatshe la Iseraele ka nyatso yotlhe ya dipelo tsa lona:


O ne ò itumelela boswa jwa Baiseraele, ka gonne bo ne bo sentswe. Le wena ke tla go direla jalo. O tla fetoga sekaka, wena thaba ya Seire le Etomo yotlhe mmogo. Ba tla itse jalo, fa ke le Morena.’ ”


“Ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Ruri, ke buile ka molelo wa lefufa la me ka ga masalela a ditšhaba le ka ga Etomo yotlhe, ba ba iphileng lefatshe la me go nna boswa ka boitumelo jwa pelo yotlhe le ka nyatso ya pelo gore ba leleke baagi ba lone, ba le thukhuthe dilo.’


“Ka sebaka seo ke tla tsosa ntlo ya ga Dafita e e weleng, ke thiba diphatlha tsa yona, ke tsosa marope a yona, ke e aga gape jaaka metlheng ya pele,


Kana o ne o sa tshwanela go leba letsatsi la tatlhego ya ga monnao ka boitumelo; o ne o sa tshwanela go itumela ka letsatsi la nyelelo ya bana ba Juta; o ne o sa tshwanela go ikgantsha ka letsatsi la pitlagano.


Segwa ke leralalo, morwadia Sione, jaaka mosadi yo o belegang. Gonne jaanong o tla tswa mo motseng, o nna mo nageng, o fitlha kwa Babele. Teng koo o tla pholosiwa; teng kwa Morena o tla go golola mo mabogong a baba ba gago.


Mmabagadi wa me o tla bona, a khurumediwa ke ditlhong, yo o ntseng a nthaya a re: “O kae, Morena, Modimo wa gago?” Matlho a me a tla mmona ka boitumelo. Jaanong o tla gatakwa jaaka seretse mo mebileng.


Ka letsatsi leo Morena o tla sireletsa baagi ba Jerusalema mo ntlheng tsotlhe; yo o bokoa mo go bone ka letsatsi leo o tla nna thata jaaka Dafita, mme ba ntlo ya ga Dafita ba tla nna jaaka baengele ba ba kwa legodimong le jaaka moengele wa Morena yo o fa pele ga bone.


“Mme lona ba lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tla lo tlhabela, le na le kalafo mo diphukeng tsa lone, mme lo tla bolola, lo tlolaka jaaka dinamane tse di tswang mo sakeng.


morafe o o ntseng mo lefifing o bonye lesedi le legolo; ba ba dutseng mo lefatsheng la loso le mo moriting wa loso, lesedi le ba tlhabetse.”


Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Lo tla lela, lo tlhokofala, lefatshe lone le tla itumela. Lo tla hutsafala; mme khutsafalo ya lona e tla fetoga boitumelo.


Jesu a ba a bua nabo gape a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ka ke a tsamaya mo lefifing, mme o tla nna le lesedi la bophelo.”


go ba budulola matlho gore ba sokologe, ba tswe mo lefifing, ba tsene leseding, ba tswe mo thateng ya ga Satane, ba ineele Modimo, gore ba amogele boitshwarelo jwa dibe le boswa mmogo le ba ba itshepisitsweng ka go dumela mo go nna.’


gonne Modimo o o rileng: “A lesedi le phatsime mo lefifing!” ke ona o o sedifaditseng dipelo tsa rona, e le go bonesiwa go ka lemoga kgalalelo ya Modimo mo sefatlhegong sa ga Jesu Keresete.


re a bogisiwa, mme ga re latlhwe; re a digwa, mme ga re nyelele;


Ga go batlege gore letsatsi le ngwedi di phatsimele motse; ka gonne o bonesiwa ke kgalalelo ya Modimo; Kwana ke lobone lwa ona.


Bosigo ga bo ne bo tlhola bo nna teng, ga ba batle lesedi la lobone le e seng lesedi la letsatsi; gonne Morena Modimo o tla ba bonegela, mme ba tla busa go ya bosakhutleng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan