Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 7:4 - Setswana 1970

4 Yo o molemo bogolo o tshwana le setlhatshana se se mitlwa; yo o siameng o bosula bogolo go logora. Letsatsi le batlhodi ba gago ba le boleletseng pele la go go otla le e tla; foo ba tla tlhakana tlhogo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Eo molemo bogolu oa bona o cuana le moñana: le eo o thokhameñ oa bona o sita logora loa metlua: motla oa baleberi ba lona, oa khopololo ea lona, o etla; mi yana go tla na tharano ea bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Le yo o molemo bogolo mo go bone o ntse jaaka mongana; yo o thokgameng bogolo o gaisa logora lwa mitlwa ka bosula; motlha wa balebedi ba gago, e bong wa kgophololo ya gago, o tsile; jaanong ke gone go tlaa nnang kakabalo ya bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 7:4
16 Iomraidhean Croise  

Lo tla dirang ka letsatsi la petso le la tshenyo e e tswang kgakala? Lo tla tshabela kwa go mang go bona thuso? Khumo ya lona lo tla e tlogela kae?


Gonne Morena, Modimo wa masomosomo, o beile letsatsi la tlhakatlhakanyo le kgatelelo le moferefere mo mogorogorong wa pono; go epololwa lobota, go goa go utlwala kwa thabeng.


Boemong jwa mitlwa go tla tlhoga mesiperese; boemong jwa bogopa go tla gola metlhakolane. Go tla dirafala jalo go direla Morena leina le le tumileng le go nna sesupo se se sa khutleng se se sa phimolweng.”


Ke medimo ya boithamako fela, ke tiro e e sotlegang; e nyelela ka sebaka se e sekisiwang ka sona.


Le gone ba tla bo ba se na masalela ape. Gonne ke tla tlisetsa banna ba Anathothe tatlhego ka ngwaga o ba bediwang ka ona.”


Le batlhabani ba gagwe ba ba rapilweng ka tuelo ba teng mo go ene jaaka dipoana tse di nontshiwang, ee, le bone ba a retologa, ba tshaba botlhe, ba paletswe ke go ema. Gonne letsatsi la tatlhego ya bone le ba tletse, le sebaka sa go otliwa ga bone se tlile.


Ba a nyatsega, gonne ba dirile maila. Mme ga ba tlhole ba ikutlwa ditlhong; ga ba itse go tlhajwa ke kgala. Ka moo ba tla wa le ba ba wang; ka nako ya petso ya bone ba tla digwa.’ ” Morena o buile jalo.


“Wena morwa-motho, se ba boife, se tshabe dipuo tsa bone, le fa ba go tlhaba jaaka ditshetlho le mitlwa, le fa o nna mo gare ga diphepheng; se boife mafoko a bone, se tshoge fa pele ga bone, gonne bone ke losika lwa baitaodi.


“ ‘Mme mo Baiseraeleng ga go kitla go tlhola go nna mutlwa o o ba tlhabang le e seng lobolela lo lo ba tlhokofatsang tse di tswang mo go botlhe ba ba ba nyatsang ba ba mo tikologong ya bone, mme ba tla itse gore ke nna Morena Modimo.’


Mme a re: “O bona eng, Amose?” Ka re: “Ke bona tlatlana e e nang le maungo a letlhafula.” Ke fa Morena a nthaya a re: “Bokhutlo bo gorogetse morafe wa me wa Iseraele; ga nkitla ke tlhola ke ba rekegela.


Le fa ba tshwana le mitlwa e e raraanyeng, le fa ba le metsi jaaka seno sa bona: Ba tla šwa gotlhe jaaka dirite tse di omeletseng.


“Foo go tla nna ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding; le mo lefatsheng go tla nna tlalelo ya merafe e le mo tharaanong, go le mesumo ya lewatle le makhubu a lone.


Mme fa le ungwa mesu le ditshetlho, le a bo le sa thuse sepe, le le gaufi le go hutsiwa, mo bofelelo jwa gona e leng go fisiwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan