Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 7:2 - Setswana 1970

2 Baboifi-Modimo ba fedile mo lefatsheng. Ga go na ope wa nnete mo bathong. Ba lalela madi botlhe, ba thaisanya ka letloa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mopelunomi o herile mo hatsiñ: mi ga go ope eo o thokhameñ mo bathuñ: ba lalela mari botle; ba coma moñue le moñue ñoana rague ka lotloa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Motho yo o moetsa Modimo o fedile o dule mo lefatsheng, ga go na ope yo o thokgameng mo bathong; botlhe fela ba lalela madi go a tsholola; mongwe le mongwe o tsoma ngwana a rraagwe ka lotloa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 7:2
29 Iomraidhean Croise  

O lalela mo sephiring jaaka tau mo sekhung sa yona, o laletse mmogisegi gore a mo tshware; o tshwara motlalelwi ka go mo goga ka letloa la gagwe.


Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e na le kodu ya moporo.


Morena, thusa; gonne ga go tlhole go na le yo o boifang Modimo, mme ba ba ikanyegang ba fedile mo baneng ba batho.


Modimo, itsholeletse godimo ga magodimo; a kgalalelo ya gago e okame lefatshe lotlhe.


Fa ba re: “Tlaya le rona, re lalele motho go tsholola madi, re ratele go bolaya yo o se nang molato ka bomo;


Mafoko a baikepi ke a go lalela madi a basiami, mme melomo ya ba nnete e a ba pholosa.


Batho botlhe ba tla bogisanya, mongwe le mongwe a bogisa mongwe-ka-ene; yo mošwa a omanya yo mogolo, monyatsegi a tlhaba motlotlegi ka mafoko.


Mosiami o a fela, mme ga go ope yo o elang tlhoko ka pelo; banna ba tumelo ba a tlosiwa, mme ga go kgathale ope. Gonne mosiami o tlosiwa tatlhego e ise e tle.


Maoto a bone a sianela kwa bosuleng, a itlhaganela go tsholola madi a a se nang molato. Megopolo ya bone ke megopolo ya boithamako. Tshenyo le go rutla di mo ditseleng tsa bone.


Bogale jwa Morena wa masomosomo bo tshubile molelo, morafe e kete o jewa ke molelo; ga go ope yo o rekegelang mongwe-ka-ene.


“Bonang, ke tla roma batshwari ba ditlhapi ba bantsi gore ba ba tshware,” go bua Morena. “Morago ga moo ke tla roma batsomi ba bantsi gore ba ba tsome mo dithabeng tsotlhe le mo mebotong yotlhe le mo dipharong tsa mafika.


Mokotlopo wa metsu ya sona o tshwana le lebitla le le bulegileng; setšhaba sotlhe ke bagale fela.


“Gonne go fitlhelwa ba ba pelompe mo morafeng wa me; ba lalela batho jaaka ba ba thayang dinonyane, ba konama, ba baakanya gopo, ba ba tshwara.


Ke ne ka utlwelela, ka utlwa gore ba bua tse di sa siamang; ga go na ope yo o ikwatlhaelang bosula jwa gagwe a re: Kana ke dirileng? Ba sianela pele ba ntse ba ikepile jaaka pitse e sianela mo tlhabanong.


Ba ne ba lalela dikgato tsa rona, re sa kgone go tsamaya mo dipatlelong tsa rona. Bokhutlo jwa rona bo ne bo atametse, malatsi a rona a feleletse, ee, bokhutlo jwa rona bo ne bo tlile.


Kwa ga eno ba amogela thelesetso gore ba tsholole madi; o tsadisa madi, o amogela koketso; o gatelela mongwe-ka-wena ka kgwebo ya tshiamololo, mme nna o ntebetse.’ Go bua Morena Modimo.


Ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: “A tatlhego wee ya motse wa go tsholola madi, ya pitsa e marale a leng mo go yona, e marale a sa tlogeng mo go yona. Ntsha dinama, nngwe ka nngwe fela. Ga di tlhamelwe tengwa.


“Utlwang fa, lona baperesiti! Elang tlhoko, lona Baiseraele! Sekegang ditsebe, lona ba kgosing! Gonne kotlo e lebanye lona, ka lona lo ne lo le digole tsa Mitsepha le matloa a a thaisitsweng mo Thabore,


Lekoko la baperesiti le bolaela batho mo tseleng e e yang kwa Šegeme jaaka senokwane se se laletseng. Ee, ba dirile tse di tlhabisang ditlhong.


“Mme morafe wa me o tsogile jaaka mmaba e sa le maabane; gonne ba ba iphetelang ba iketlile, ba se na sepe le ntwa, lo ba rutlile kobo mo diaparong.


Ke lona ba lo agang Sione ka go tsholola madi le Jerusalema ka tshiamololo.


Lona ba lo ilang tse di molemo, lo ratang tse di bosula; ba lo buang batho letlalo, lo gagolang nama ya bone mo marapong;


“Gonne ga nkitla ke tlhola ke rekegela baagi ba lefatshe le,” go bua Morena. “Bonang, ke tla tsenya motho mongwe le mongwe mo seatleng sa mongwe-ka-ene le mo seatleng sa kgosi ya gagwe, mme ba tla fetola lefatshe sekaka; ga nkitla ke ba pholosa mo diatleng tsa bone.”


Bajuta le bone ba mo tlatsa, ba tlhomamisa gore go ntse jalo.


Kana matlho a gago a bona jaanong ka fa Morena a go neetseng ka teng mo diatleng tsa me kajeno mo logageng, mme go tilwe, ke go bolae, mme ka go rekegela ka re: ‘Ga nkitla ke ntshetsa morena wa me letsogo, gonne ke ene motlodiwa wa Morena.’


Mme jaanong, a madi a me a se ka a tshologela fa fatshe ke le kgakala le sefatlhego sa Morena! Gonne kgosi ya Iseraele e bolotse go batla letsetse le le lengwe fela, jaaka go tsongwa lesogo kwa majweng.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan