Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 7:18 - Setswana 1970

18 Ke mang yo e leng Modimo jaaka wena o o itshwarelang molato, o o iphapaanyang tlolo ya masalela a boswa jwa ona? Ga o nke o boloka bogale jwa ona ka bosakhutleng, gonne o natefelwa ke bopelotlhomogi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 ¶ Morimo ki ohe o o cuanañ le uena, o o icuarelañ tsiamololo, o heta tlolo ea masalela a boshua yoa ona? Ga o tsegetse bogale yoa ona ka bosakhutleñ, gone o khatloa ki pelunomi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 Ana Modimo o o tshwanang nao ke ofe, o o itshwarelang boikepo, o iphapaanye le tlolo ya masalela a boswa ja one? Ga o tshegetse bogale jwa one ka bosakhutleng, ka o rata boutlwelobotlhoko.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 7:18
80 Iomraidhean Croise  

A ga ke re, fa o dira sentle, o ka tsholetsa sefatlhego, mme fa o sa dire sentle, boleo bo lalela fa mojako, bo go tlhologeletswe, mme wena o bo laole.”


a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, kwa godimo mo legodimong le fa fatshe mo lefatsheng ga go na modimo ope o o tshwanang nao. Wena o bolokela batlhanka ba gago kgolagano le bopelotlhomogi fa ba sepela fa pele ga gago ka pelo yotlhe.


Gonne fa lo boela Moreneng, foo ba ga lona le bana ba lona ba tla bona boutlwelo-botlhoko fa pele ga ba ba ba isitseng mo botshwarong, mo ba ka bang ba boela kwano lefatsheng leno; gonne Morena, Modimo wa lona, o boitshwarelo, o bopelotlhomogi, mme ga a ne a faposa sefatlhego mo go lona, fa lo boela kwa go ene.”


A ko o utlwe mokokotlelo wa motlhanka wa gago le wa morafe wa gago wa Iseraele o ba tla o rapelang ba lebile felo fa; o o utlwe o le kwa felong fa o nnang teng kwa legodimong; mme o re o o utlwa, o ba itshwarele.


ba gana go utlwa, ba se ka ba gopola dikgakgamatso tsa gago tse o di ba diretseng, mme ba gagamatsa dithamo, ba ipatlela moeteledipele go boela kwa Egepeto kwa botlhankeng jwa bone ka borukhutlhi jwa bone, mme wena o Modimo wa maitshwarelo, o bopelotlhomogi o boutlwelo-botlhoko, o pelotelele, o mogolo loratong, wa se ka wa ba tlogela,


Morena o utlwela ba ba mmoifang botlhoko, jaaka rra-bana a utlwela bana ba gagwe botlhoko.


Mme boitshwarelo bo fa go wena gore o tle o boifiwe.


Marapo a me otlhe a tla re: “Morena, ke mang yo o tshwanang nao, yo o gololang motlhomolapelo mo go yo o mo fetang ka thata, le motho wa batho le mohumanegi mo go yo o mo thukhuthang?”


Wena yo o utlwang thapelo, batho botlhe ba tla tla go wena.


Dilo tse di molato di mpaletse. Ditlolo tsa rona wena o tla di ruanya.


Le gona tshiamo ya gago, Modimo, e fitlha kwa godimodimo; Modimo, wena yo o dirileng dilo tse dikgolo, ke mang yo o tshwanang nao?


Mme wena Morena, o Modimo o o boutlwelo-botlhoko le boitshwarelo; ga o fele pelo, o tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.


Gonne wena, Morena, o molemo le boitshwarelo; o bopelonomi jo bogolo mo go botlhe ba ba goelang kwa go wena.


Magodimo a tla boka kgakgamatso ya gago, Morena, le boikanyo jwa gago bo bakwa mo phuthegong ya baitshepi.


Modimo o boifega mo kopanong ya baitshepi; o mogolo, o bile o boitshega go feta botlhe ba ba o dikanyeditseng.


Morena, ke mang mo medimong yo o tshwanang le wena? Ke mang yo o galaleditsweng ka boitshepo, yo o boitshegang ka ditiro tse di bokwang, yo o dirang dikgakgamatso jaaka wena?


a re: “Fa ruri ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, Morena, a Morena a ke a ye le rona – gonne ke morafe wa dithamo tse di gagametseng – mme o re itshwarele molato wa rona le boleo jwa rona, o re tshole, re nne ba gago.”


“Tlayang he, a re sekisanyeng,” go bua Morena: “Le fa dibe tsa lona di hubitse jaaka madi, di tla sweufala jaaka semathana; le fa e le tse dikhibidu jaaka letsoku, di tla nna jaaka boboa jwa nku.


Go tla bo go se na monni ope yo o reng: “Ke a lwala.” Gonne morafe o o agileng teng o itshwaretswe melato.


Bona, bogalaka, ee, bogalaka jo bogolo bo mphetogetse kagiso. Wena o ratile mowa wa me, wa nntsha mo moleteng wa nyelelo; gonne o latlhetse maleo otlhe a me kwa morago ga gago.


Jaanong lo ka tshwantshanya Modimo le mang? Lo tla bapisa setshwano sefe nao?


“Jaanong he, lo tla ntshwantshanya le mang, yo ke tshwanang nae?” Moitshepi o botsa jalo.


Ke nna, ke nna yo ke phimolang dibe tsa gago; ke ka ntlha ya me, fa ke sa tsotelele maleo a gago.


Ke phimotse maleo a gago jaaka maru le dibe tsa gago jaaka mouwane. Boela kwa go nna, gonne ke go golotse!”


A moikepi a tlogele tsela ya gagwe, le monna yo o kgopo a latlhe maikaelelo a gagwe, a boele kwa Moreneng – foo o tla mo tlhomogela pelo – le kwa Modimong wa rona, gonne o na le boitshwarelo jo bogolo.


O itapisitse ka maeto a mantsi a gago, mme ga o a ka wa re: “Ke tlhobogile.” O ne wa fitlhela thata ya gago e ntse e ntšhwafala. Ke ka moo o sa felang thata.


Gonne ga nkitla ke lwa ka gale le e seng go galefa ka bosakhutleng. Gonne mewa ya bone e ka bo e felelwa ke thata fa pele ga me le maphelo a ke a dirileng ka nosi.


Gonne Moagi wa gago o tla go nyala jaaka lekau le nyala lekgarebe; Modimo wa gago o tla go itumelela jaaka monyadi a itumelela monyalwa.


Morena, se nne bogale thata thata, se gopole molato wa rona ka metlha yotlhe! A ko o bone gore re morafe wa gago rotlhe!


Ke tla dudueletsa Jerusalema, ke itumelela morafe wa me; ga go kitla go tlhola go utlwala selelo teng le e seng go goa.


Tsamaya o kuele mafoko a kwa bokone o re: ‘Iseraele wa moikepi, boa! Go bitsa Morena.’ Ga nkitla ke lo leba ke tlhontse sefatlhego, gonne ke bopelotlhomogi; ga nka ke ka galefela ruri. Morena o buile jalo.


O a re: ‘A o tla nna bogale ka bosakhutleng le go bo boloka ka gale?’ – Bona, o buile jalo, mme o dirile tse di bosula, ka fa o kgonang ka teng.”


A Eferaime ke morwaake yo o rategang? Gongwe a ke ngwana yo o nthabisang? Gonne ka nako le nako, fa ke bua ka ga gagwe, ke sa ntse ke na le go mo gopola. Ke ka moo maikutlo a me a mo huduegelang, ke na le go mo tlhomogela pelo.” Morena o buile jalo.


“Go tla bo go sa tlhole go le ope yo o rutang mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘Itse Morena!’ Gonne ba tla nkitse botlhe, ba bannye le ba bagolo ba bone,” go bua Morena. “Gonne ke tla ba itshwarela molato wa bone, ke sa tlhole ke gopola maleo a bone.”


Ke tla ba itumelela, ke ba direla molemo; ke tla ba tlhoma mo lefatsheng le ka boammaaruri, ka pelo ya me yotlhe le ka mowa wa me otlhe.”


Ke tla ba tlhapisa molato otlhe o ba nteofetseng ka ona, ke ba itshwarela ditshiamololo tsotlhe tse ba nteofetseng ka tsona, tse ba ikepileng mo go nna ka tsona.


Ebete-Melege a tswa mo ntlong ya kgosi, a bua le kgosi a re:


Ka malatsi ao le ka sebaka seo go tla batlwa molato wa Iseraele, mme o tlhokwa; le maleo a Juta, mme ga a bonwe. Gonne ke tla itshwarela ba ke ba sadisang.” Morena o buile jalo.


Mme yo o ratang go itumisa a a itumise ka go tlhalefela go nkitse, fa e le nna Morena yo o dirafatsang bopelotlhomogi le katlholo le tshiamo mo lefatsheng; gonne ke kgatlhwa ke dilo tseo.” Morena o buile jalo.


A nka kgatlhwa ke loso lwa moikepi?” go botsa Morena Modimo. “Nnyaya, se se nkgatlhang ke fa a tlhabologa, a tlogela ditsela tsa gagwe gore a phele.


Ba ree ò re: ‘Morena Modimo o buile wa re: Ka bophelo jwa me! Ga ke kgatlhwe ke loso lwa moikepi. Se se nkgatlhang ke fa moikepi a tlogela tsamao ya gagwe, a phela. Boang, lo tlogele ditsela tse di bosula tsa lona! Lo ratelang go swa, lona Baiseraele?’


Maleo otlhe a gagwe a o leofileng ka ona ga a kitla a a balelwa. O dirile ka tshiamo le ka tshwanelo; ruri, o tla phela.


Mme go na le bopelotlhomogi le boitshwarelo mo Moreneng, Modimo wa rona; le fa re mo tsogetse


Tsamayang ka mafoko, lo boele kwa Moreneng, lo mo ree lo re: “Re itshwarele molato otlhe gore re amogele se se molemo! Mme re tla leboga ka melomo ya rona boemong jwa ditlhabelo.


Ke tla nna mo Iseraeleng jaaka monyo, o tla thunya jaaka sešeše, a nama medi jaaka Lebanone.


Mme mongwe le mongwe yo o tla bitsang leina la Morena o tla pholosiwa. Gonne go tla nna pholoso mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema jaaka Morena a buile, le mo go ba ba falotseng ba Morena o ba bitsang.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Etomo, le fa e le a mararo fela. Gonne o lateletse morwa-rraagwe ka tšhaka, a latlha bopelotlhomogi jotlhe jwa gagwe, a nna a mo senyetsa ka bogale jwa gagwe, a mo tlhoela ruri.


Ke fa Morena a nthaya a re: “O bona eng, Amose?” Ka re: “Ke bona serophiso.” Morena a ba a re: “Bona, ke tla baya serophiso mo gare ga Baiseraele, morafe wa me. Ga nkitla ke tlhola ke ba rekegela.


Mme a re: “O bona eng, Amose?” Ka re: “Ke bona tlatlana e e nang le maungo a letlhafula.” Ke fa Morena a nthaya a re: “Bokhutlo bo gorogetse morafe wa me wa Iseraele; ga nkitla ke tlhola ke ba rekegela.


a rapela Morena a re: “Ao, Morena, a ga ke a re jalo ke sa le mo lefatsheng la ga etsho? Ke ka moo ke neng ke itlhaganela go tshabela kwa Tharesise. Kana ke ne ke itse gore ò Modimo o o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko, o o bopelotelele le bopelotlhomogi jo bogolo, o o busang pelo mo bogaleng.


“Ruri, ke tla phutha ba ga eno botlhe, Jakobe; ruri, ke tla kgobokanya masalela a Iseraele; ke ba kopanya jaaka dinku di tlhatlhelwa mo lesakeng, jaaka motlhape mo gare ga mafulo a ona. Go tla utlwala modumo wa bontsi jwa batho.”


Ba ba tlhotsang ke tla ba dira masalela; ba ba katoseditsweng kwa kgakala ke ba dira setšhaba se se thata. Mme Morena e tla nna kgosi ya bone mo thabeng ya Sione go tloga jaanong go ya bosakhutleng.”


Mme o tla ema, a ba fudisa ka thata ya Morena le ka bogolo jwa leina la Morena, Modimo wa gagwe; mme ba tla nna mo kagisong; gonne jaanong o tla nna mogolo go fitlha mafelelong a lefatshe.


Disa morafe wa gago ka kgoge ya gago, e bong letsomane la boswa jwa gago, ba ba agileng ba le bosi mo dikgweng mo gare ga dinaga tse di pila; a ba fule kwa Basane le kwa Gileate jaaka mo metlheng ya bogologolo.


Morena, Modimo wa gago, o na nao, ke seganka se se pholosang; o tla go thabela ka boitumelo, a ritibala mo loratong lwa gagwe; o tla go tlhabela mokgosi wa tuduetso.”


Ga go bonwe tatlhego mo go Jakobe, ga go fitlhelwe tapisego mo go Iseraele. Morena Modimo wa gagwe o na nae; go dudueletsa kgosi go teng mo go ene.


Mme e ne e le tshwanelo go ipela le go itumela; ka gonne monnao yo o ne a sule, mme o tsogile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ ”


le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao jo bo isang boitshwarelong jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.


Karabo ya Modimo e mo reile ya reng? Ya re: “Ke itshadiseditse banna ba le 7 000, ba ba iseng ba ke ba khubamele Baale.”


Ga go na ope yo o tshwanang le Modimo wa gago, Ješurune, o o palameng legodimo go go thusa le maru o le mogolo.


Gonne katlholo ga e nke e nna le kutlwelo-botlhoko mo go ene yo o neng a se na kutlwelo-botlhoko; mme kutlwelo-botlhoko e fenya tshekiso.


Le gona ba tlosa medimo e sele mo gare ga bona, ba direla Morena. Ke fa a tlhomoga pelo ka ntlha ya pogisego ya Baiseraele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan