Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 7:17 - Setswana 1970

17 Ba tla latswa lerole jaaka noga; ba tla tswa mo dikagong tsa phemelo tsa bone jaaka digagabi tsa lefatshe ka thoromo, ba tla kwa go Morena, Modimo wa rona, ba tshogile, mme ba tla go boifa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

17 Ba tla lacoa lorole yaka noga; ba tla huruioa ba coa mo maheloñ a a thata a bona yaka tse ri gagabañ ha hatse: ba tla boela go Yehova Morimo oa rona ka poiho, mi ba tla gu boiha.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

17 Ba tlaa latswa lorole jaaka noga, jaaka dilo tse di gagabang tsa lefatshe, ba tlaa tswa ba roroma mo mafelong a bone a dikutla; ba tlaa tla mo go Jehofa Modimo wa rona ka poifo, mme ba tlaa boifa ka ntlha ya gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 7:17
27 Iomraidhean Croise  

Bomorwa ditšhaba ba a koafala; ba tswa mo maiphitlhong a bone, ba tetesela.


Mme magosi otlhe a mafatshe a a mo tikologong ya Juta a ne a wetswe ke letshogo la Morena, mo a bileng a se ka a lwa le Josafate.


E rile fela fa ba nkutlwela, ba tla go inkobela; bomorwa ditšhaba ba inneela ka go mpoifa.


Dikgosi tsotlhe di tla mo ikobela, ditšhaba tsotlhe di tla mo direla.


Ba ba agileng mo dikakeng ba tla khubama fa pele ga gagwe, baba ba gagwe ba tla latswa lerole.


Tloga o eme, Morena! A motho a se ka a thatafala, a baheitane ba atlholwe fa pele ga gago.


Ka ntlha ya moo morafe o o tiileng o tla go galaletsa; motse wa ditšhaba tse di gatelelang o tla go boifa.


Mme dikgosi e tla nna batlamedi ba gago; bahumagadi ba tsona e tla nna baamusi ba gago. Ba tla go obamela ba inametse ka difatlhego fa fatshe, ba latswa lerole la dinao tsa gago. Foo o tla itse gore ke nna Morena! Le gore ba ba ntebelelang ga ba tlhajwe ke ditlhong.”


Mme ba tla boifa leina la Morena kwa bophirimatsatsi le kgalalelo ya gagwe kwa botlhabatsatsi; gonne o tla tla jaaka noka e e phašametsegang e phefo ya Morena e e kgweetsang.


Bomorwa bagateledi ba gago ba tla tla, ba go ikobela; botlhe ba ba go kgobileng ba tla go khubamela fa patong tsa dinao tsa gago, ba go bitsa ‘Motse wa Morena’ le ‘Sione wa Moitshepi wa Iseraele’.


jaaka molelo o tshuma ditlhotlhetso, jaaka molelo o bedisa metsi; e le go itsise baba ba gago leina la gago gore ditšhaba di tetesele fa pele ga gago,


Phiri le kwana di tla fula mmogo. Tau e tla ja bojang jaaka kgomo. Mme dijo tsa noga e tla nna lorole. Ga di nke di utlwisa botlhoko le e seng go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo. Morena o buile jalo.”


gore di tle tsotlhe, di thibelele mo melapong ya megorogoro le mo dipharong tsa mafika, le mo ditlhareng tsotlhe tse di mitlwa, le mo mafelong otlhe a go nosiwang teng.


“Bonang, ke tla roma batshwari ba ditlhapi ba bantsi gore ba ba tshware,” go bua Morena. “Morago ga moo ke tla roma batsomi ba bantsi gore ba ba tsome mo dithabeng tsotlhe le mo mebotong yotlhe le mo dipharong tsa mafika.


Mme motse o e tla nna tumiso e e thabisang le pako le kgalalelo mo go nna fa pele ga ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe, tse di tla utlwelang molemo otlhe o ke tla o o direlang; di tla roroma, di tetesela ka ntlha ya tse di molemo tsotlhe le ka ntlha ya kagiso yotlhe tse ke tla o direlang tsona.’ ”


A a ise molomo wa gagwe kwa loroleng; ka gongwe go teng se se solofelwang.


Mme lo tla tshabela mo mokgatsheng wa dithaba tsa me, gonne mokgatsha wa dithaba o tla fitlha kwa Asele; lo tshaba jaaka lo kile lwa tshaba thoromo ya lefatshe mo malatsing a ga Usia, kgosi ya Juta. Foo go tla tla wena Morena, Modimo wa me, o na le baitshepi botlhe.


E re ba feletswe ka tlala, ba jegile ka go tuka bolelo le ka malwetse a a galakang, ke ba romele meno a dibata mmogo le botlhole jwa dinoga tse di gagabang mo leroleng.


Ba araba Jošua ba re: “Batlhanka ba gago ba begetswe e le nnete tse Morena, Modimo wa gago, o di laetseng Moše, motlhanka wa gagwe go lo naya lefatshe lotlhe le, le go nyeletsa baagi botlhe ba lefatshe le fa pele ga lona. Ka moo ra boifela maphelo a rona thata ka ntlha ya lona, mme ra dira jalo.


Reetsa, ke go naya bangwe ba phuthego ya ga Satane ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bona, mme ba a aka; bona, ke tla dira gore ba tle, ba obamele fa dinaong tsa gago, ba lemoge gore ke go ratile.


Ya re ba ipontsha batlhodi ba Bafelesita ka bobedi jwa bone Bafelesita ba re: “Bahebere ke bale, ba tswa mo mesimeng, mo ba neng ba iphitlhile teng.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan