Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 7:16 - Setswana 1970

16 Ba ditšhaba ba tla bona, ba tlhoboga thata yotlhe ya bona; ba tla itshwara melomo, ba thibala ditsebe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Bahaitene ba tla bona ba tlabeloa litloñ ki bogañka yotle yoa bona: ba tla baea atla tsa bona mo melomoñ ea bona, tsebe tsa bona li tla tsibala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Merafe e tlaa bona e ba e tlhajwa ke ditlhong ka thata yotlhe ya bone; ba tlaa ipaya seatla mo molomong, ditsebe tsa bone di tlaa kabala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 7:16
17 Iomraidhean Croise  

Ntebeng lo rerege! Bayang diatla melomong.


“Bona, ga ke lekane. Nka go araba ka reng? Ke itshwara molomo.


Foo melomo ya rona e ne ya tlala setshego, le diteme tsa rona tuduetso. Foo go ne go buiwa mo ditšhabeng go twe: “Morena o ba diretse dilo tse dikgolo.”


Fa o dirile bosilo ka go ikgodisa, gongwe fa o logile maano a a bosula baya seatla mo molomong!


Morena, fa letsogo la gago le tsholeditswe, ga ba le bone. E tla re o tlhoafalela morafe, ba le bone, ba tlhajwe ke ditlhong; le gona molelo o o fisang baba ba gago o tla ba nyeletsa.


O tla gakgamatsa ditšhaba tse dintsi jalo. Dikgosi di tla mo momela melomo. Gonne tse ba sa di bolelelwang ba a di bona; le tse ba iseng ba di utlwe ba a di tlhaloganya.”


“Mme nna ke itse ditiro tsa bone le megopolo ya bone. Sebaka se e tla sa go kgobokanya ditšhaba tsotlhe le diteme tsotlhe. Di tla tla, di bona kgalalelo ya me.


Ke tla itshupa ke le mogolo, ke le boitshepo; ke tla ikitsise fa pele ga matlho a ditšhaba tse dintsi gore di tle di lemoge, fa ke le Morena.’


Baboni ba tla tlhajwa ke ditlhong, baitseanape ba tlhabiwa ke kgala. Ba tla itshwara ditedu botlhe, gonne ga go na karabo epe ya Modimo.


Letsogo la gago le tla fenya baganetsi ba gago; baba botlhe ba gago ba tla nyelediwa.


Ke tla diga ditulo tsa magosi, ke nyeletsa thata ya magosi a ditšhaba, ke menola dikoloi le bapalami ba tsona, mme go tla wa dipitse le bapalami ba tsona, mongwe le mongwe ka tšhaka ya yo mongwe.’


“Ka letsatsi leo ke tla batla go nyeletsa ditšhaba tsotlhe tse di tlileng go tlhasela Jerusalema.


Mme jaanong re itse gore dilo tsotlhe tse molao o di buang, o di bua le bone ba ba mo taolong ya molao gore molomo mongwe le mongwe o thijwe, mme lefatshe lotlhe le nne molato fa pele ga Modimo.


Baditšhaba ba ne ba gakala; mme bogale jwa gago bo tsile, le nako ya baswi ya go atlholwa, ya go naya batlhanka ba gago tuelo, e bong baporofeti le baitshepi le ba ba boifang leina la gago, ba babotlana le ba bagolo, – ya go senya ba ba sentseng lefatshe.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan