Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 7:12 - Setswana 1970

12 Ka letsatsi leo ba tla tla kwa go wena, ba tswa kwa Asiria le mo metseng ya Egepeto; ba tswa kwa Egepeto go fitlha nokeng ya Ferathe; ba tswa kwa lewatleng go fitlha kwa lewatleng le lengwe; ba tswa kwa thabeng go fitlha kwa thabeng e nngwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Ba tla tla go uena mo motleñ ouo, go simolola ka Asiria go ea metseñ ea Egepeto; le ka Egepeto go ea kua molapoñ, le ka leoatle go ea kua leoatleñ, le ka thaba go ea kua thabeñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Mo motlheng oo ba tlaa tla mo go wena, ba tswa Asiria le kwa metseng ya Egepeto, go tswa Egepeto go ya fela kwa Nokeng, le go tswa lewatleng, go ya lewatleng le lengwe, le go tswa thabeng go ya thabeng e nngwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 7:12
15 Iomraidhean Croise  

Mo metlheng eo Morena o tla otlolola letsogo gape go rekolola masalela a morafe wa gagwe a a setseng kwa Asiria le kwa Egepeto le kwa Phatherose le kwa Ethiopia le kwa Elame le kwa Sineare le kwa Hamathe le kwa ditlhakatlhakeng tsa lewatle.


Masalela a morafe wa gagwe a a setseng kwa Asiria a tla bo a na le tsela e kgolo, jaaka Baiseraele ba ne ba na nayo mo metlheng e ba hudugileng kwa lefatsheng la Egepeto ka yona.


Ke tla raya bokone ke re: ‘Rebola!’ le borwa ke re: ‘Se thibele!’ Tlisa bomorwaake go tswa kgakala le bomorwadiake go tswa bokhutlong jwa lefatshe,


Bonang, bao ba tswa kwa kgakala; bonang, bale ba tswa kwa bokone le kwa bophirimatsatsi, mme bano mo lefatsheng la Basini.”


Mme ke tla phutha masalela a dinku tsa me ka nosi mo mafatsheng aotlhe kwa ke di leleketseng gona; ke tla di busetsa mo mafulong a tsona; di tla ata, di ntsifala.


Ka malatsi ao Bajuta ba tla goga le Baiseraele, ba tswa mmogo kwa lefatsheng la bokone, ba boela kwano lefatsheng le ke le abetseng borraeno boswa.


Bonang, ke tla ba busa kwa lefatsheng la bokone, ke ba phutha kwa dikhutlong tsa lefatshe, ba na le difofu le batlhotsi le ba baimana le ba ba belegang, botlhe mmogo. Ba tla boela kwano e le phuthego e kgolo.


“Mme wena Jakobe, motlhanka wa me, se boife; wena, Iseraele, se tshoge! Gonne bona, ke tla go pholosa o le kwa kgakala, le ba losika lwa gago mo lefatsheng la botshwaro jwa bone. Jakobe o tla boa, a thagama, a iketla, go se na yo o mo tshosang.


“Ka letsatsi leo Baiseraele ba tla tswa lonaka, mme ke go letlelela go ka bula molomo mo gare ga bone; ba tla itse, fa ke le Morena.”


ò ba ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana wa re: Bonang, ke tsaya Baiseraele kwa ditšhabeng, kwa ba ileng teng, ke ba phutha mo ntlheng tsotlhe, ke ba busetsa kwa lefatsheng la bone.


Ba tla itlhaganela ba tswa kwa Egepeto ka thoromo jaaka nonyane, ba tswa kwa lefatsheng la Asiria jaaka leeba, mme ke tla ba agisa mo matlong a bone,” go bua Morena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan