Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 7:11 - Setswana 1970

11 Letsatsi la go aga dipota tsa gago le e tla; molelwane o tla bo o atlhame ka letsatsi leo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 ¶ Lithako tsa gago li tla agoa mo motleñ ouo, taeo e tla isioa khakala mo motleñ ouo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 A motlha wa go aga dithako tsa gago! Mo motlheng oo molelwane o tlaa katosediwa kgakala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 7:11
12 Iomraidhean Croise  

Jaanong ka ba raya ka re: “Lo bona tatlhego e re leng mo go yona, ka Jerusalema e le marope fela le dikgoro tsa teng di fisitswe ka molelo. Tlaang re ageng lobota lwa Jerusalema gore re se ka ra tlhola re kgobiwa.”


le lokwalo lwa ga Asafe, modisa wa sekgwa se se jwetsweng sa kgosi gore a nneele dikota tsa go tlhomesa dikgoro tsa kago ya botshabelo e e leng ya Ntlo ya Modimo le tsa lobota lwa motse le tsa ntlo e ke tla nnang mo go yona.” Mme kgosi ya ntumelela tseo, ka seatla se se molemo sa Modimo se nkokame.


Mme Tobia wa Moamone a ne a bapile nae a re: “Le fa ba aga eng, fa phokojwe e se tlolela, e tla diga lobota lwa majwe lwa bone.”


Mme ra aga lobota, lotlhe lwa kopanngwa mo tikologong, lwa godisiwa go fitlha fa gare. Mme batho ba natefelwa ke tiro.


“Wena yo o tlhomolang pelo, yo o tebelwang ke ledimo, yo o sa gomodiwang, bona, ke tla tshwaraganya mafika a dipota tsa gago ka mmu o o phatsimang; ke thaya metheo ya gago ka mafika a matala.


Katolosa manno a tente ya gago; a ba tsharolole masela a meago ya gago. Se rekegele, o leelefatse megala ya tente ya gago, o kokotelele dimapo tsa gago thata.


Mme ba ga eno ba tla tsosa marope a kgale; o tla aga metheo ya ditshika tsa bogologolo sešwa, mme o tla bidiwa ‘Motsosi wa marope’ yo o baakanyang ditsela gore batho ba nne teng.


Mme ba tla aga marope a kgale, ba tsosa matlotla a bogologolo, ba ntšhwafatsa metse e e sentsweng, e leng marope a ditshika tsotlhe.


Itse ò lemoge gore go tloga ka sebaka se lefoko le duleng ka sona gore Jerusalema a busediwe batho, a agiwe gape, go fitlhelela moeteledipele yo o tloditsweng a nne teng, ke bosupa jwa dinyaga ga supa. Jaanong o tla agiwa gape ka bosupa jwa dinyaga ga 62 mmogo le dipatlelo le mebila, mme e le mo dipakeng tsa pitlagano.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan