Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 7:1 - Setswana 1970

1 Joo nna wee, ke latlhegile! Ke tshwana le yo o selang maronopo a moweine morago ga phulo ya maungo a selemo, mme go se lesitlha le le ka jewang. Mowa wa me o eletsa difeie tse di butswang pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 AU ’na! gone kintse yaka bakeñ se ba hulañ mauñuo a selemo ka shona, le baka sa maburuco a movina: ga gona lerose go yeoa: ga go lifeige tse ri buruleñ tsa ntla, tse moea oa me o li eletsañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 A motlho wa mogolo nna! Gonne ke ntse jaaka fa ba sena go phutha maungo a selemo, jaaka maronopo a difine; ga go na lerose le le ka jewang, mowa wa me o eletsa feige ya lebutswapele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 7:1
14 Iomraidhean Croise  

A tatlhego ya me wee, ka ke jakile mo Mesege, ka ke agile fa ditenteng tsa Ketare!


Batho ba bantsi ga twe ba lorato, mme ke mang yo o bonang monna yo o ikanyegang?


Mme go tla tlogelwa maronopo jaaka fa go tshikinngwa ditlhare tsa olefa: Maungo a mabedi gongwe a mararo kwa godimo mo setlhoeng sa setlhare, a mane gongwe a matlhano mo dikaleng tsa setlhare se se ungwang.” Go bua Morena, Modimo wa Iseraele.


Gonne mo ditšhabeng tsa lefatshe go tla nna jaaka fa setlhare sa olefa se tshikinngwa; jaaka fa ba ronopa moweine, phulo e sena go fela.


Re utlwile dikopelo di tswa kwa mafelelong a lefatshe di re: “A kgalalelo e nne ya Mosiami!” Mme ka re: “Ke a latlhega, ke a latlhega, joo nna wee! Dinokwane di a thukhutha, dinokwane di thukhutha ka bonokwane!”


Mme sethunya se se swabang sa mokgabo o montle wa gagwe, se se mo thoteng ya leboa la mmu o o bogale, se tla tshwana le feie e e butswang pele ga selemo, e e a reng motho a e bona, a e phamole ka seatla, a e metse.


Foo ka bua ka re: “A tatlhego ya me wee, gonne matlho a me a bonye kgosi, Morena wa masomosomo; ke a nyelela, ka ke le motho wa molomo o o maswe; ke bile ke agile mo gare ga morafe o o melomo e maswe.”


A tatlhego ya me wee, mma, fa o mpelege ke le monna wa kgang le ntwa mo lefatsheng lotlhe. Ga ke a adima ope, ga ke a adingwa ke ope, mme ba nthogaka botlhe.


Tlatlana ya ntlha e ne e na le difeie tse di monate thata jaaka difeie tsa mabutswapele. Mme tlatlana e nngwe e ne e na le difeie tse dimpe thata tse di sa ka keng tsa jewa, ka di le dimpe thata.


Gonne ke utlwa selelo e kete sa mosadi yo o segwang ke metlotsedi, sa tlalelo e kete ya yo o belegang ga ntlha. Ke selelo sa morwadia Sione. O a fegelwa, a phutholola mabogo a gagwe a re: “A tatlhego ya me wee! Bophelo jwa me bo wela mo diatleng tsa bampolai, ke se na thata.”


O rile: ‘A tatlhego ya me wee! Gonne Morena o okeditse botlhoko jwa me ka bohutsana. Ke itapisitse ka go fegelwa ga me, boikhutso ga ke bo bone.’


Yaang le mebila ya Jerusalema, lo batle mo dipatlelong tsa gagwe; tlholang lo tlhokomele. Fa lo fitlhela mongwe a le teng yo o dirang ka tshiamo, yo o batlang boammaaruri, foo ke tla ba itshwarela.


“Ke fitlhetse Iseraele a tshwana le maungo a moweine mo sekakeng; ka bona borraeno ba ntse jaaka difeie tsa pele mo setlhareng se sešwa, mme ba ya kwa go Baale-Pheore, ba ineela modimo wa ditlhong; ba fetoga dilo tse di tenang, ba nna jaaka moratiwa wa bona.


Mabutswapele a tsotlhe tsa lefatshe la bone a ba tla a tsisetsang Morena e tla nna a gago; botlhe ba ba itshekileng mo lapeng la gago ba ka a ja.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan