Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 6:9 - Setswana 1970

9 Utlwang! Morena o tlhabela motse mokgosi! – Ke botlhale go boifa leina la gago. – Utlwang, lotso le phuthego ya motse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 ¶ Koru ea ga Yehova e biletsa motse, mi eo o tlalehileñ o tla ñoka leina ya gago: utluañ thupa le eo o e laoletseñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Lentswe la ga Jehofa le biletsa kwa motseng, mme motho yo o botlhale o tlaa boifa leina la gago. “Reetsang thupa le ene yo o e laotseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 6:9
43 Iomraidhean Croise  

Go kile ga bo go le tlala mo malatsing a ga Dafita dinyaga di le tharo tse di tlhomaganyeng. Jaanong ya re Dafita a botsa Morena, Morena a re: “Go na le molato wa madi mo go Saule le ba lapa la gagwe; ka gonne o bolaile Bagibeone.”


ke raya Modimo ke re: Se nkatlhole wa re, ke moikepi; nkitsise se se go losang le nna.


Gonne o tla dirafatsa se o se mpeetseng. Dilo tse di ntseng jalo di dintsi mo go ona.


Itse he: Go sego motho yo Modimo o mo kgalemelang! Ka moo se nyatse kotlo ya Mong-wa-thata-yotlhe!


Yo o botlhale ke mang? A a tlhokomele dilo tse, a ele ditiro tsa bopelotlhomogi jwa Morena tlhoko.


Modimo, re gopola bopelotlhomogi jwa gago mo Tempeleng ya gago.


A ba tlhajwe ke ditlhong, ba boife ka go sa feleng. A ba setlhafale ka ditlhong, ba latlhege


Baditšhaba ba wetse mo lemeneng le ba le epileng, dinao tsa bona di tshwerwe ke letloa le ba le thaileng mo sephiring.


E a re letlhale le bona dikotsi, le iphitlhe; mme ba ba sa tlhalefang ba fetele pele, ba wele tatlhegong.


Morena, fa letsogo la gago le tsholeditswe, ga ba le bone. E tla re o tlhoafalela morafe, ba le bone, ba tlhajwe ke ditlhong; le gona molelo o o fisang baba ba gago o tla ba nyeletsa.


Gonne motse o o neng o femetswe o osi fela ke bonno jo bo se nang motho; o tlogetswe jaaka sekaka. Dinamane di tla fula gona, di botha gona, di ja ditlhatshana tsa teng.


Bonang, leina la Morena le e tla, le tswa kwa kgakala; bogale jwa gagwe ke jo bo tukang, ke jo bo makete thata. Molomo wa gagwe o tletse kgalefo, loleme lwa gagwe lo tshwana le molelo o o nyeletsang.


Utlwelelang! Loratla lo tswa mo motseng! Utlwelelang! Lo tswa kwa Tempeleng! Utlwelelang! Morena o bolaisa baba ba gagwe tse ba di jeleng.


Mme morafe ga o sokologele kwa go yo o ba betsang; Morena wa masomosomo ga ba mmatle.


“Miga wa Morešethe o ne a rera mo malatsing a ga Hesekia, kgosi ya Juta, a raya morafe otlhe wa Juta a re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “ ‘Sione o tla lengwa jaaka tshimo, le Jerusalema o tla fetoga marope, le thaba ya Tempele e tla nna thaba ya sekgwa fela.’


foo ke tla direla Ntlo e jaaka Silo. Mme motse o ke tla o dira thogako mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe.’ ”


Fela e ka ikhutsa jang, ka Morena a e rometse go senya Ašekalone le losi lwa lewatle, a e lebisitse teng?”


Leitlho la me ga le ka ke la rekegela, ga nka ke ka tlhomoga pelo; ke tla go naya tse di tshwanetseng tsamao ya gago. Maila a gago a tla go bolaya, mme lo tla itse gore ke nna Morena yo o lo otlang.


Samaria o tla otlwa, gonne o tsogetse Modimo wa gagwe thata; ba tla wa ka tšhaka, bana ba bone ba tšhwetlakanngwa, basadi ba baimana ba bone ba tla segakwa dimpa.”


Yo o botlhale a a tlhaloganye dilo tse! Yo o tlhalefileng a a di itse. Gonne ditsela tsa Morena di tlhamaletse. Basiami ba tla tsamaya mo go tsona, mme baikepi ba kgotšwa mo go tsona.


Mme ke tla latlhela molelo kwa Juta gore o je matlo a borena a Jerusalema.”


A tatlhego ya bone wee ba ba ikgodisetsang Sione, ba ba ikanyang thaba ya Samaria! Ba e leng ditlhogo tsa moeteledi pele wa ditšhaba, ba ba okameng Baiseraele.


Ka moo Sione o tla lengwa jaaka tshimo ka ntlha ya lona; Jerusalema o tla fetoga marope; thaba ya tempele e tla nna thota ya sekgwa fela.


“A nka lebala ntlo ya moikepi e e kgobokanyang mahumo a tshiamololo le selekanyo sa tsietso se se hutsitsweng?


Wena motho, Morena o go itsisitse tse di leng molemo le tse a di batlang mo go wena: O batla gore ò dire tse di siameng, ò rate bopelotlhomogi, o tsamaya le Modimo wa gago ka boikokobetso!


Ga o utlwe lentswe la ope, ga o amogele kgalemelo, ga o ikanye Morena, ga o atamele Modimo wa ona.


Botlhe ba ke ba ratang ke a ba kgalemela, ke a ba watlhaya; ka moo he, nna matlhagatlhaga o tlhabologe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan