Mike 6:8 - Setswana 19708 Wena motho, Morena o go itsisitse tse di leng molemo le tse a di batlang mo go wena: O batla gore ò dire tse di siameng, ò rate bopelotlhomogi, o tsamaya le Modimo wa gago ka boikokobetso! Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)8 O gu itsisitse, mothu ki uena, se se leñ molemo; mi Yehova o batlañ go uena, ha e si go riha tsiamo, le go rata pelunomi, le go sepela le Morimo oa gago ka tloahalo? Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo8 O go supeditse se se molemo motho ke wena; gape Jehofa o lopang mo go wena, fa e se gore o dire ka tshiamo, le go rata boutlwelobotlhoko, le go sepela ka boikokobetso le Modimo wa gago? Faic an caibideil |
Gonne go bua jaana yo o tlotlometseng yo o godimodimo, yo o agileng mo bosakhutleng, yo leina la gagwe e leng Yo-o-Boitshepo, a re: “Ke agile kwa godimodimo le mo felong ga boitshepo. Le gona ke ntse ke na le yo o mowa o ngomogileng, o o kokobeditsweng, gore ke lapolose mewa ya ba ba kokobeditsweng, ke rudise pelo tsa ba ba bogisegileng.