Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 6:7 - Setswana 1970

7 A Morena o tla kgatlhwa ke diphelehu di le dikete gongwe dinoka tsa lookwane di le dikete tse? A nka ntsha morwaake yo mogolo ka ntlha ya tlolo ya me? Gongwe leungo la mmele wa me ka ntlha ya boleo jwa mowa wa me?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 A Yehova o tla nateheloa ki lipheleu li mathousanda, le melapo e ten thousanda ea loukuane? A ki tla nela tlolo ea me oa burure oa me, le louñuo loa mpa ea me boleo yoa moea oa me?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 A Jehofa o tlaa itumelela dikete tsa diphelefu, kgotsa dinoka tsa lookwane di le dikete di le some? A ke tlaa ntshetsa tlolo ya me ngwana wa me yo mogolo, loungo lwa mmele wa me ka ga boleo jwa mowa wa me?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 6:7
29 Iomraidhean Croise  

Mme a sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele; le gona a ralatsa morwawe molelo ka fa makgapheng a baheitane, ba Morena o kileng a ba leleka fa pele ga Baiseraele.


A ralatsa morwawe molelo, a dira tsa mereo ya boloi le tsa botlhodi, a tlhoma ba ba buang le baswi le baitseanape a dira tse dintsi tse di bosula mo matlhong a Morena, a mo gakatsa.


Ya ba ya itshekolola Thofethe fa go neng go le mo mogorogorong wa Morwa-Hinome gore go se nne ope yo o direlang Mologe ka go ralatsa morwawe gongwe morwadie molelo.


Ke fa e tsaya morwaa-yona yo mogolo yo o neng a tla nna kgosi mo boemong jwa yona, e mo dira setlhabelo sa phiso mo godimo ga lobota. Jaanong bogale jo bogolo jwa wela Baiseraele, mme ba e tlogela, ba boela kwa lefatsheng la bone.


fa dinao tsa me ke di tshasa ka lobebe, fa lekgwarana le ntswelela dinokana tsa lookwane.


Ga go batlege gore ke tsee poo mo sakeng la gago, le e seng diphoko kwa morakeng wa gago.


Modimo, nkgolola mo molatong wa go tsholola madi, Modimo wa pholoso ya me, mme loleme lwa me lo tla dudueletsa tshiamo ya gago.


Gonne ga o natefelwe ke setlhabelo – nka bo ke se ntsha – ga o kgatlhwe ke setlhabelo sa phiso.


Ditlhabelo tsa baikepi ke maila Moreneng, mme thapelo ya batlhamaladi e a mo kgatlha.


Go dira ka tshiamo le ka tshwanelo go kgatlha Morena bogolo go setlhabelo.


Pono ya ga Jesaya, morwa Amotse, e o e bonyeng ka ga Juta le Jerusalema mo malatsing a ga Usia le Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta.


Dikgong tsa Lebanone ga di a lekana go gotsa molelo; diphologolo tsa gagwe ga di a lekana setlhabelo.


ba aga dithota tsa tlhabelo tsa ga Baale gore ba fise bomorwaa-bone ka molelo mo go tsona e le ditlhabelo tsa ga Baale tse ke sa di laolang, le e seng go di bua le e seng go di akanya mo pelong.’ ”


Go fisa maswalo ka matlhare a a tswang kwa Šeba le lotlhaka lo lo nkgang monate lo lo tswang kwa lefatsheng le le kgakala, ke eng mo go nna? Ditlhabelo tsa lona tsa phiso ga di nkgatlhe; ga ke itumelele ditlhabelo tsa lona tse di jewang.”


Le gona ba agile thota ya tlhabelo e e bidiwang Thofethe e e mo mogorogorong wa Morwa-Hinome gore ba fise bomorwaa-bone le bomorwadia-bone ka molelo. Kana ga ke a laola jalo! Pelo ya me ga e ise e tsenwe ke mogopolo o o ntseng jalo.”


Gonne ba sentse nyalo, madi a mo diatleng tsa bone. Ba sentse nyalo ka medimo e e maila ya bone, ba e fiseditse bana ba ba ba ntsaletseng, ba ba dira dijo tsa yona.


Ba tla ya go batla Morena ka difutshane le dikgomo tsa bona, mme ga ba nke ba mmona. O ba tlogetse.


Gonne se se nkgatlhang ke lorato, e seng setlhabelo, le go itse Modimo bogolo go ditlhabelo tsa phiso.


O se ka wa ntsha ope wa bana ba gago go mo neela Mologe ka go mo ralatsa molelo, e se re gongwe wa itshepolola leina la Modimo wa gago. Ke nna Morena.


Morena a ba a bua le Moše a re:


Gonne le fa lo mphisetsa ditlhabelo le ditshupelo tsa dijo tsa lona, ga di nkgatlhe, le setlhabelo sa tebogo sa dinamane tse di nonneng tsa lona ke gana go se bona.


Ke mmusetsa koo go wena; mo tshole ene yo e leng pelo ya me.


foo ene yo o tla tswang ka mojako wa ntlo ya me go nkgatlhantsha mogang ke boang kwa go Baamone ka kagiso, e tla nna wa Morena; ke tla mo dira setlhabelo sa phiso.”


Mme ya re dikgwedi tse pedi di sena go feta, a boela kwa go rraagwe, mme ene a mo direla ka fa maikanong a gagwe a o neng a a ikanne. Mme morwadie a se ka a itse monna. Jaanong ga nna tlwaelo mo Iseraeleng ya gore:


Mme Samuele a re: “A ditlhabelo tsa phiso le tse di jewang di kgatlha Morena jaaka go utlwa lentswe la Morena? Nnyaya go utlwa go gaisa setlhabelo; go reetsa go phala mafura a diphelehu!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan