Mike 6:16 - Setswana 197016 Gonne melao ya ga Omeri e a tshegediwa, le ditiro tsotlhe tsa ntlo ya ga Ahabe; lo sepela ka fa dikgakololong tsa bone gore ke tle ke go dire sekaka se se tshosang, le baagi ba sona ke ba dire tshotlego; lo tla rwala kgobo ya morafe wa me.” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)16 Gone litaeo tsa ga Omere li tsegerioa, le tiho cotle tsa ba ntlu ea ga Ahabe, mi lo sepela mo khakololoñ tsa bona; gore ki lo rihe tsenyego, le banni ba ona go otsioa: ki gona lo belegañ khobo ea bathu ba me. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo16 Gonne ditao tsa ga Omeri di a tshegediwa, le ditiro tsotlhe tsa ntlo ya ga Ahabe; lo bile lo sepela mo dikgakololong tsa bone, gore ke tle ke go dire tshwafalo, le banni ba gone kotso; mme lo tlaa belega kgobo ya batho ba me.” Faic an caibideil |
bonang, ke tla romela kwa ditsong tsotlhe tsa bokone le kwa go Nebukatenesare, kgosi ya Babele, motlhanka wa me, ke ba tsaya, ke ba tlisa kwano gore ba tlhabane le lefatshe leno le baagi ba lone le ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya lone. Mme bana ke tla ba hutsa gore ba latlhege, ke ba dira theregiso le tshotlego le nyatsego e e sa khutleng.” Go bua Morena.
Morena, ka ntlha ya bopelotlhomogi jotlhe jwa gago, a bogale jwa gago le kgalefo ya gago di tloge mo Jerusalema, motseng wa gago, le mo thabeng e e boitshepo ya gago. Gonne Jerusalema le rona batho ba gago re kgobiwa ke botlhe ba ba mo tikologong ya rona ka ntlha ya maleo a rona le ka ntlha ya melato ya borraetsho.