Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 6:13 - Setswana 1970

13 le nna ke tla go itaya botlhoko, ke go fetola sekaka ka ntlha ya maleo a gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Ki gone ki tla lo beletsañ tlukuhaloñ, le go lo senyetsa libe tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Ke gone ka moo le nna ke go iteileng ka ntho e e botlhoko; ke go swafaditse ka ntlha ya maleo a gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 6:13
16 Iomraidhean Croise  

Ka ba ka re: “Go fitlhelela leng, Morena?” A re: “Go tsamae metse e senyege, e tlhoke moagi, matlo a tlhoke motho, masimo a nne matlhagare fela;


Fa ke tswela kwa nageng, ke fitlhela ba ba phololeditsweng ka tšhaka; fa ke tsena mo motseng, ke bona matlhoko a tlala. Ee, moporofeti le moperesiti le bone ba kgarakgatshega mo lefatsheng, ba sa tlhole ba itse sepe.’ ”


O rometse molelo a le kwa legodimong, wa ntsena marapong, a nkgona jalo. Maoto a me o a thaisitse ka letloa, a ntigela kwa morago; a ntira sekaka, a njesa bodutu malatsi aotlhe.


A faposa ditsela tsa me, a nkgarolaka, a ntira yo o reregang.


Serwalo sa bogosi se ole mo ditlhogong tsa rona. A tatlhego ya rona wee, ka re leofile!


Samaria o tla otlwa, gonne o tsogetse Modimo wa gagwe thata; ba tla wa ka tšhaka, bana ba bone ba tšhwetlakanngwa, basadi ba baimana ba bone ba tla segakwa dimpa.”


Eferaime o tla fetoga sekaka letsatsing la petso. Ke itsisitse ditso tsa Iseraele tse e leng tsa nnete.


gona le nna ke tla lo direla tse di ntseng jalo: Ke tla lo dirafaletsa tse di boitshegang, e bong bolwetse jwa sehuba le jwa mogote, tse di lo fifatsang matlho, tse di lo feleletsang. Peo ya lona lo tla e jwalela lefela, e tla jewa ke baba ba lona.


Gonne dintho tsa teng tsa kotlo ya Morena ga di na go fola, ka di fetetse kwa Juta, di fitlhile kwa kgorong ya morafe wa ga etsho, kwa Jerusalema.


Gonne melao ya ga Omeri e a tshegediwa, le ditiro tsotlhe tsa ntlo ya ga Ahabe; lo sepela ka fa dikgakololong tsa bone gore ke tle ke go dire sekaka se se tshosang, le baagi ba sona ke ba dire tshotlego; lo tla rwala kgobo ya morafe wa me.”


Mme lefatshe le tla fetoga sekaka ka ntlha ya baagi ba lone, e le leungo la ditiro tsa bone.


Moengele wa Morena a mo itaya ka bonako, ka a se ka a naya Modimo tlotlo. Mme a jewa ke diboko, a swa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan