Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 6:12 - Setswana 1970

12 E re ka bahumi ba motse ba tletse kgatelelo, baagi ba ona ba bua maaka, ba na le diteme tsa bolotsana mo maganong a bona,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Ka bahumi ba ona ba tletse tsenyo, mi banni ba ona ba bua maka, mi teme tsa bona li tsieco mo melomoñ ea bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Gonne bahumi ba teng ba tletse thubakanyo, le banni ba teng ba buile maaka, le loleme lwa bone lo tsietso fela mo molomong wa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 6:12
29 Iomraidhean Croise  

Morena, nkgolola mo molomong wa maaka, mo lolemeng lwa tsietso.


Gonne ga ba bue kagiso, ba akanya mafoko a tsietso ka ga badidimadi mo lefatsheng.


Mme ba rata go o kgona ka melomo ya bona, ba o aketsa ka diteme tsa bona;


Dikgosana tsa gago ke baferetlhi, ke balekane ba magodu; ba rata thelesetso botlhe, ba tsoma tuelo; ga ba siamisetse lesiela, kgang ya motlholagadi ga ba e amogele.


Ee, Jerusalema o wele, Juta o namaletse fa fatshe; gonne ba kgatlhanong le Morena ka diteme tsa bone le ka ditiro tsa bone gore ba ganetse matlho a kgalalelo ya gagwe.


Gonne tshimo ya moweine ya Morena wa masomosomo ke ntlo ya Iseraele; ditlhatshana tse di mo natefelang ke banna ba Juta. O na a lebeletse tshiamo, mme a fitlhela tshokamo; a letetse tshiamiso, mme a fitlhela selelo.


Diteme tsa bone ke metsu e e bolayang, di bua tsa bolotsana; ba bua kagiso le mongwe-ka-bone ka melomo, mme mo pelong ba a mo lalela.


“E a re fa ke re ke fodisa Iseraele, go bonale molato wa Eferaime le bosula jwa Samaria, gonne ba tsieditse; legodu le tsene mo teng, lekoko la dinokwane le thukhuthe ka kwa ntle.


“A tatlhego ya bona wee! Gonne ba ntlogetse. A tshenyego e ba wele, ka ba ikepile mo go nna. Nna ne ke re, ke a ba golola, mme bona ba nkaketse.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Juta, le fa e le a mararo fela, ka ba latlhile molao wa Morena, ba se ka ba tshegetsa ditaolo tsa gagwe, mme medimo ya maaka ya bone e ba timeditse e borraabo ba neng ba e sala morago.


ba lo rapamang mo malaong a dinaka tsa ditlou, lo itshidila mo “disofeng” tse di boleta, lo ja dikwana tsa letsomane le dinamane tse di tswang mo lesakeng;


Le gona ka letsatsi leo ke tla betsa botlhe ba ba tlolang serepodi, ba ba tlatsang matlo a barena ba bone kgatelelo le tsietso.”


Dikgosana tsa ona tse di mo teng ga ona ke ditau tse di dumang; baatlhodi ba ona ke diphiri tse di tlang ka lotlatlana, tse di sa ipeeleng sepe sa letsatsi la ka moso.


Bajuta le bone ba mo tlatsa, ba tlhomamisa gore go ntse jalo.


Memetso ya bone ke mabitla a a butsweng; ba tsietsa ka diteme tsa bone. Botlhole jwa dinoga bo mo melomong ya bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan