Mike 5:7 - Setswana 19707 Le gona masalela a Jakobe a a mo ditšhabeng a tla nna mo merafeng e megolo jaaka tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa le jaaka tawana mo matsomaneng a dinku; e e a reng e ralala, e gatake, e garole, go se yo o pholosang. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)7 Mi masalela a Bayakoba a tla na gare ga bathu bantsi, yaka monyo o o coañ mogo Yehova, yaka merupe mo morogoñ, e e sa leteñ mothu, le esiñ go riegela bana ba bathu. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo7 Le masalela a ga Jakobe a tlaa nna mo gare ga ditšhaba di le dintsi, jaaka monyo o o tswang kwa go Jehofa, jaaka medupe mo bojannyeng; e e sa diegeleng motho, le fa e le go leta bana ba batho. Faic an caibideil |
Mme ke tla ba direla sesupo, ke romela ba ba falotseng ba bone kwa ditšhabeng, kwa Tharesise le kwa Phule le kwa Lute, ba ba hulang ka bora, le kwa Thubale le kwa Jafane le kwa dintshing tsa mawatle tse di kgakala, ba ba iseng ba utlwe lefoko ka ga me, ba ba iseng ba bone kgalalelo ya me, mme ba tla itsise ditšhaba kgalalelo ya me.