Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 5:6 - Setswana 1970

6 Mme masalela a Jakobe a tla nna mo merafeng e megolo jaaka monyo o o tswang mo Moreneng le jaaka mookodi wa pula mo dijwalong o o sa leteng ope, o o sa lebeleleng batho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi ba tla lakaila lehatse ya Asiria ka caka, le lehatse ya Nimrode ha matsenoñ a yeona: mi re tla gololoa go Moasiria, mogañ o tlañ mo hatsiñ ya rona, mogañ o gatañ meleloane ea rona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Mme ba tlaa lakaila lefatshe la Asiria ka tšhaka, le lefatshe la Nimerote mo dikgorong tsa lone; mme o tlaa re golola mo Moasirieng, mogang o tlang mo lefatsheng la rona, le mogang o gatang mo teng ga molelwane wa rona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 5:6
26 Iomraidhean Croise  

Ka sebaka sa ga Pheka kgosi ya Iseraele ga tla Thigelathe-Philesere kgosi ya Asiria, a thopa Iyone le Abele-Bethe-Maaga le Janoa le Keteše le Hasore le Gileate le Galelea, e bong naga yotlhe ya Nafetale, a isa batho ba teng mo botshwarong kwa Asiria.


Mme Khuše a tsala Nimerote; ke ene mogale wa ntlha mo lefatsheng.


Ka moo Morena a ba bololetsa balaodi ba mephato ya kgosi ya Asiria, ba tshwara Manase ka dikobe, ba mmofa dinao ka dikeetane ba mo isa kwa Babele.


Ya re fa ke sena go bua, ba se ke ba bue; mafoko a me a ne a rothegela mo go bone.


Ka letsatsi la pololo ya gago batho ba gago ba tla tla ka bopelotshweu, ba apere mekgabo ya boitshepo. Mophato wa makau o tla tla kwa go wena, jaaka monyo o tsalwa ke mahube.


O tla fologa jaka pula mo pilong, jaaka medupe e e nosang lefatshe.


Merafe e tla ba tsaya, e ba isa kwa mafelong a ga bone, mme Baiseraele ba tla ba rua mo lefatsheng la Morena e le batlhanka le malata; ba tla thopa bathopi ba bone, ba busa bagateledi ba bone.


Ke tla phatlakanya Moasiria mo lefatsheng la me, ke mo gataka mo dithabeng tsa me gore joko ya gagwe e tloge mo melaleng ya bone le morwalo o a o ba rwesitseng o tloge mo magetleng a bone.


A tatlhego ya gago wee, wena mosenyi yo o sa senyediwang! A tatlhego ya gago wee, wena molotsana yo o sa direlwang ka bolotsana. E tla re o sena go senya, o senngwe ka wesi; e re fa o khutlile go dira ka bolotsana, ba go direle ka bolotsana.


Ke fa moengele wa Morena a bolola, a itaya banna ba le dikete di le 185 mo bothibelelong jwa Baasiria. Ya re ba phakela ka moso, ba fitlhela botlhe bao e le ditoto fela.


Foo Saneheribe, kgosi ya Asiria, a tloga, a tsamaya, a boela kwa gae, a nna mo Ninife.


Le fa go ka sala a le mongwe mo go ba ba lesome, le ene o tla senyega. Go tla nna jaaka mogotlho gongwe motswere, o e a reng o remilwe, go sale thito. Thito ya ona ke losika lo lo boitshepo.”


A go na le medimo ya baheitane e e nesang pula? Gongwe a legodimo le ka nesa pula ka bolone? A ga se wena Morena, Modimo wa rona? Re lebeletse wena, gonne ò dira dilo tse tsotlhe tse.


Jaanong kutla ya ditau e kae? Bo kae bojelo jwa ditawana kwa tau e tona le e namagadi le tawana di neng di itsamaela teng go se yo o di tshosang?


O tla otlololela letsogo kwa bokone, a nyeletsa Asiria, a dira motse wa Ninife marope a sekaka se se senya.


Ke tla sadisa morafe o o patikegileng, o o tlhomolang pelo mo go wena; bone ba tla ikanya leina la Morena.


wa re: O tla re namolela mo babeng ba rona, le mo mabogong a botlhe ba ba re tlhoileng,


go re naya gore e re re golotswe mo mabogong a baba ba rona, re o direle re se na poifo,


Jaanong a simolola ka Moše le ka baporofeti botlhe, a ba rarabololela tse di builweng ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.


A thuto ya me e sarasare jaaka pula, a polelo ya me e rothe jaaka monyo; e etse marothodi a pula mo botalaneng le jaaka pula ya medupe mo morogong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan