Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 5:4 - Setswana 1970

4 Mme ene yo, o tla nna kagiso ya rona. Fa Asiria a re, o tla mo lefatsheng la rona, o tsena mo matlong a borena a rona, re tla baya badisa ba supa le dikgosana tse di le robedi tsa batho go lwa nabo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi o tla ema, a hurisa ka thata ea ga Yehova, le ka khalalelo ea leina ya ga Yehova Morimo oa gague; mi ba tla nna: gone yana o tla na mogolu le kua khutloñ tsa lehatse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 O tlaa ema, mme o tlaa fudisa letsomane la gagwe ka thata ya ga Jehofa, ka tlotlomalo ya leina la ga Jehofa Modimo wa gagwe; mme ba tlaa nna; gonne jaanong o tlaa nna mogolo le go ya dikhutlong tsa lefatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 5:4
37 Iomraidhean Croise  

gore ba itsise bana ba batho ditiro tse di bonatla tsa gago le kgalalelo e e phatsimang ya bogosi jwa gago.


Ba ba pelonolo ba tla ja, ba kgora; ba ba batlang Morena ba tla mo galaletsa. A dipelo tsa lona di lapologe ka bosakhutleng!


Mme a leina la ona le le galalelang le bakwe ka bosakhutleng; a lefatshe lotlhe le tlale kgalalelo ya ona, Amen, ee, a go nne jalo!


O tla busa go tswa lewatleng go ya go le lengwe, le go tswa Nokeng go ya mafelelong a lefatshe.


Morena ke kgosi, o apere borena. Morena o apere, o itlamile ka bonatla. Lefatshe le lone o le thaile gore le se ka la tshikinyega.


O gopotse bopelontle jwa gagwe le boikanyo jwa gagwe mo Baiseraeleng; dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di bonye pholoso ya Modimo wa rona.


Itiseng mo go ene, lo utlwe lentswe la gagwe; se mo ganetseng, gonne o ka gana go itshwarela ditlolo tsa lona; kana nna ka nosi ke iponatsa ka ene.


“Sokologelang kwa go nna gore lo tle lo pholosiwe, lona dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe. Gonne ke nna Modimo, ga go na ope o sele.


Mme jaanong go bua Morena yo o ntirileng motlhanka wa gagwe go tloga botsalong gore ke busetse Jakobe kwa go ene, mme Iseraele a phuthegele kwa go ene – Ee, ke a tlotlega mo matlhong a Morena, mme Modimo wa me e ne ya nna thata ya me –


Morena o semile letsogo le le boitshepo la gagwe fa pele ga matlho a ditšhaba tsotlhe. Mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tla bona pholoso ya Modimo wa rona.


“Bonang, motlhanka wa me, o tla tlhogonolofala; o tla tsholediwa, a godisiwa, a nna mogolo thata.


ka moo, bonang, Morena o tla ba tlhatlosetsa metsi a a thata a mantsi a noka – e leng kgosi ya Asiria le kgalalelo yotlhe ya yona – a tla tlhatlogela godimo ga melatswana yotlhe ya yona, a penologa ka dintshi tsotlhe tsa yona.


Disa morafe wa gago ka kgoge ya gago, e bong letsomane la boswa jwa gago, ba ba agileng ba le bosi mo dikgweng mo gare ga dinaga tse di pila; a ba fule kwa Basane le kwa Gileate jaaka mo metlheng ya bogologolo.


“Tšhaka, tsogela modisa wa me, le monna yo o nang le nna,” go bua Morena wa masomosomo; “itaya modisa gore dinku di phatlalale; mme ke tla busetsa letsogo la me kwa go tse dipotlana.”


“Mme ke tla thubakanya dikoloi tsa ntwa mo go Eferaime le dipitse mo Jerusalema; bora jwa ntwa bo tla robakanngwa, mme ene o tla rerela ditšhaba kagiso. Puso ya gagwe e tla simologa fa lewatleng go ya go fitlha kwa lewatleng le lengwe; e simologa fa nokeng ya Ferathe go ya go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.


Matlho a lona a tla bona, mme lo tla re: ‘Morena o mogolo le ka kwa ntle ga molelwane wa Iseraele.’


E bile ke go raya ke re: O Petoro , mme ke tla aga phuthego ya me mo lefikeng le; mme dikgoro tsa felo ga baswi ga di kitla di e fenya.


“ ‘Wena Betleheme wa lefatshe la Juta; ga o mmotlana ka gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tla tswa molaodi yo o tla disang morafe wa me wa Iseraele.’ ”


“E tla re Morwa-Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, baengele botlhe ba ba boitshepo ba na nae, a nne mo sedulong sa bogosi sa kgalalelo ya gagwe.


Ene yoo o tla nna mogolo, a bidiwa Morwa Mogodimodimo. Morena Modimo o tla mo naya sedulo sa bogosi sa ga Dafita rraagwe.


Mme fa ke di dira, dumelang ditiro, le fa nna lo sa ntumele, gore lo lemoge le go itse gore Rara o mo go nna, le nna ke mo go Rara.”


Jesu a mo raya a re: “Se nkame; gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rre; tsamaya, o ye kwa go bana ba ga Rre, o ba ree o re: ‘Ke tlhatlogela kwa go Rre yo e leng le Rraeno, kwa Modimong wa me o e leng le Modimo wa lona.’ ”


A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tshegofaditseng ka masego otlhe a mowa mo legodimong ka Keresete;


lona ba lo bolokwang ka thata ya Modimo ka tumelo go ya pholosong e e baakantsweng gore e senolwe ka nako ya bofelo.


Nna Juta, motlhanka wa ga Jesu Keresete le monnaa Jakobo, ke kwalela ba ba biditsweng, ba ba ratilweng mo go Modimo Rara, ba ba boloketsweng Jesu Keresete:


Jaanong moengele wa bosupa a letsa; mme ga utlwala mantswe a magolo mo legodimong a re: “Puso ya lefatshe e diregile ya Morena wa rona le ya Motlodiwa wa gagwe; o tla busa ka bosakhutleng.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan