Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 5:2 - Setswana 1970

2 Ka moo o tla ba latlha go ya go fitlhelela sebakeng se mmelegi o belegeng ka sona. Foo masalela a bomorwa-rraagwe a tla boela kwa Baiseraeleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi uena Beta‐lehema Eferata, u motlana go na mo mathousandeñ a Yuda, go tla ’ncoela go uena eo o tla nañ Mobusi mo Bayesereleñ; eo maco a gague a la a le a bogolugolu le bogolugolu tala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 “Wena Bethelehema Eferatha, yo o leng mmotlana mo go makgolokgolo a Juta, mo go wena go tlaa ntswela mongwe yo o tlaa nnang molaodi mo Iseraele; yo matso a gagwe a sa leng a nna a bogologolo, e bong ka go se nang tshimologo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 5:2
57 Iomraidhean Croise  

Morago ga moo a huduga kwa Bethele, mme ya re ba sena go atamela Eferatha, Ragele a belega, a bona pelego e e bokete.


Ragele a swa jalo, a fitlhwa fa thoko ga tsela e e yang kwa Eferatha mo e leng Betleheme.


Nna e rile ke boa kwa Phatane, Ragele mmaago a swa ke na nae mo tseleng mo lefatsheng la Kanana, go sa ntse go le sebakanyana sa go fitlha kwa Eferatha; ka mo fitlha gona fa tseleng e e yang kwa Eferatha mo e leng Betleheme.”


Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta le e seng lore lwa mmusi fa gare ga dinao tsa gagwe go fitlhelela go be go tle Silo. Ene merafe e tla mo utlwa.


Bomorwa Salema ke ba Betleheme le ba Netofa le ba Aterothe-Bethe-Joabe le batho ba bontlhanngwe jwa Bamanahathe, e bong ba kwa Sorea.


le Phenuele rraagwe Ketore le Esere rraagwe Huša e ne e le bomorwa Hure morwa Eferatha wa ntlha Rra-Betleheme.


Gonne Juta o ne a le thata mo go bomorwa-rraagwe, mme moeteledipele e ne e le wa ga gabo Juta, fela tshiamelo ya bogolo e le ya ga Josefa –


Bona, re utlwetse Letlole kwa Eferatha, ra le fitlhela mo nageng ya Jaare.


Pele dithaba di ise di tsalwe, o ise o tlhole lefatshe le lebopo, wena o ntse o le Modimo go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng.


Mme o itlhophele banna ba ba nonofileng mo morafeng otlhe ba ba boifang Modimo, banna ba nnete, ba ba ilang kgwebo ya tshiamololo, o ba dire baokamedi ba morafe; bangwe e nne ba ba okamelang ba le sekete, ba bangwe ba okamele lekgolo, ba bangwe 50, ba bangwe lesome


Moše a tlhopha banna ba ba nonofileng mo Baiseraeleng botlhe, a ba dira ditlhogo tsa morafe, ya nna baokamedi ba dikete le baokamedi ba makgolo le baokamedi ba 50 le baokamedi ba masome.


Letlhogela le tla tlhoga mo kutung ya ga Isai; letlhogela le le tswang mo meding ya gagwe le tla ungwa.


Motlhanka wa Morena o ne a tlhoga fa pele ga gagwe jaaka letlhogela le jaaka modi mo lefatsheng le le omeletseng. O ne a se na popego le bontle, fa re ka mo lebang; a se na ponalo, fa re ka mo eletsang.


Kana ene ke mo dirile mosupi mo bathong; ka mo dira kgosi le molaodi wa merafe.


Ka ntlha ya moo Morena ka esi o tla lo naya sesupo: Bonang, lekgarebe le tla nna moimana, le belega ngwana wa mosimane, le mo taya leina la Imanuele .


Kgosi ya bone e tla nna ya ga bone. Mmusi wa bone o tla tswa mo gare ga bone. Ke tla mo atametsa gore a nne gaufi le nna. Gonne ke mang yo o ka betang pelo, a nkatamela?’ go botsa Morena.


A re itseng Morena, re tlhoafalele go mo itse. O tla tswa ruri jaaka mahube, a tla kwa go rona jaaka pula, le jaaka pula ya dikgakologo e e kolobisang lefatshe.’


“Ka sebaka seo ke tla tsosa ntlo ya ga Dafita e e weleng, ke thiba diphatlha tsa yona, ke tsosa marope a yona, ke e aga gape jaaka metlheng ya pele,


Segwa ke leralalo, morwadia Sione, jaaka mosadi yo o belegang. Gonne jaanong o tla tswa mo motseng, o nna mo nageng, o fitlha kwa Babele. Teng koo o tla pholosiwa; teng kwa Morena o tla go golola mo mabogong a baba ba gago.


“Tšhaka, tsogela modisa wa me, le monna yo o nang le nna,” go bua Morena wa masomosomo; “itaya modisa gore dinku di phatlalale; mme ke tla busetsa letsogo la me kwa go tse dipotlana.”


Itumele thata, morwadia Sione, o duduetse, morwadia Jerusalema; bona, kgosi ya gago e e tla kwa go wena, e siame, e tletse pholoso, e pelonolo, e palame esele, e leng eselana, ngwana wa esele.


E rile Jesu a sena go tsalelwa kwa Betleheme wa Jutea mo malatsing a kgosi Herote, batlhalefi bangwe ba tswa kwa botlhabatsatsi, ba fitlha mo Jerusalema ba re:


“ ‘Wena Betleheme wa lefatshe la Juta; ga o mmotlana ka gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tla tswa molaodi yo o tla disang morafe wa me wa Iseraele.’ ”


Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.


Ba simolola go mo latofatsa ba re: “Re bonye yo, a timetsa morafe wa rona, a o iletsa go ntshetsa Kaisara lekgetho, a ipolela, fa e le ene Keresete, kgosi.”


Mme ga bo go le sekwalo fa godimo ga gagwe, se se kwadilweng ka ditlhaka tsa Segerika le Seroma le Sehebere se re: “YO KE KGOSI YA BAJUTA.”


A Lokwalo ga lo a ka lwa re: Keresete o tla tswa mo losikeng lwa ga Dafita le mo motsaneng wa Betleheme, mo Dafita a neng a le teng?”


Ka tsaya ditlhogo tsa ditso tsa lona, e bong banna ba ba tlhalefileng ba ba nang le temogo, ka ba dira ditlhogo tsa lona, ya nna balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo le balaodi ba 50 le balaodi ba masome le bakwaledi ba ditso tsa lona.


Ene o sa le a nna teng pele ga tsotlhe, e bile tsotlhe di tlhomame ka ene.


Jesu Keresete o ntse a tshwana maabane le gompieno le ka bosakhutleng.


Gonne go a itsege, fa Morena wa rona a dule mo go Juta, lotso lo Moše o se kang a bua sepe le lone ka ga boperesiti.


Re lo anegela se se neng se le teng go tloga tshimologong, se re se utlwileng, se re se bonyeng ka matlho a rona, se re se lebileng, se diatla tsa rona di se fophotseng, e bong sa Lefoko la botshelo –


A na le leina le le kwadilweng mo seaparong sa gagwe fa seropeng le re: KGOSI YA DIKGOSI LE MORENA WA BARENA.


“Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Semerina o re: ‘Yo e leng wa ntlha le wa bofelo, yo o neng a sule, a ba a phela, o bua jaana a re:


A ba a nthaya a re: “Go dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tla mo nosa mo motsweding wa metsi a botshelo, e se ka sepe.


Jaanong go ne ga tla lekau le tswa kwa Betleheme wa Juta kwa losikeng lwa Juta. E ne le Molefi, a tlile teng go jaka.


E rile ka malatsi a puso ya baatlhodi ga nna tlala mo lefatsheng. Ke fa monna mongwe wa kwa Betleheme wa Juta a ya go jaka kwa nageng ya Moabe, ene le mosadi wa gagwe le bomorwawe ka bobedi.


Batho botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng le bagolo ba araba ba re: “Re basupi! Mosadi yo o tla tsenang mo lapeng la gago a Morena a mo dire jaaka Ragele le Lea ba ba agileng lelapa la ga Iseraele ka bobedi jwa bone. Dira tse dikgolo mo Eferatha gore o nne le leina mo Betleheme.


Mme lona lo latlhile Modimo wa lona kajeno o o lo thusitseng mo ditlalelong tsotlhe tsa lona le mo dipitlaganyong tsa lona, lwa o raya lwa re: ‘Re tlhomele kgosi!’ Jaanong he, emang fa pele ga Morena ka fa ditsong tsa lona le ka fa diketeng tsa lona!”


Jaanong Dafita e ne e le morwa monna yole wa Eferatha wa kwa Betleheme wa Juta yo leina la gagwe e leng Isai yo o neng a na le bomorwa ba robedi. Monna yoo o ne a setse a tsofetse mo malatsing a ga Saule, e le monna mogolo.


Dikase di le some tse tsa mašwi o di isetse molaodi wa ba le sekete, o be o botse bomogoloo bophelo, o ntlele neo ya karabo ya bone.”


Okomelang lo lotolotse maiphitlho otlhe kwa a iphitlhang teng, lo be lo boele kwa go nna, fa lo itse sentle. Foo ke tla ya le lona. Fa a le teng mo lefatsheng le, ke tla mmatla mo dinageng tsotlhe tsa Juta.”


Le gona e tla ba tsaya go ba ipeela balaodi ba sekete le balaodi ba lekgolo le balaodi ba 50; le gore ba leme masimo a yona, ba robe thobo ya yona, ba dire dibolai tsa yona tsa ntwa le dilo tsa dikoloi tsa ntwa tsa yona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan